Obamelang ditaelo tsa bongaka
08 Apr 2015
Banni ba motse wa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba gwetlhilwe go ema maiteko a lephata la botsogo nokeng mo ntweng kgatlhanong le malwetsi a a farologanyeng segolo jang jwa kgotlholo e tona, TB.
Fa a bua kwa segopotsong sa bolwetsi jwa kgotlholo e tona kwa kgotleng ya motse oo, mooki go tswa kokelong ya motse wa Takatokwane, Mme Bettina Mokhawe a re lephata la botsogo le tshwenngwa ke go bona dipalo tsa balwetsi ba TB di golela pele ntswa le tsweletse ka go ruta setshaba le go ntsha kalafi mahala.
O ne a lemotsha banni bao fa seemo se ka tokafala fela fa setshaba se ka nna le tshwaragano le go tsaya tsia dikgakololo tsa ba botsogo. A re go tlhoka go sala ditaelo tsa ba botsogo morago le go sa tsaya kalafi sentle go dira gore mogare wa TB o nne dikgoka le fa molwetsi a fiwa kalafi, a kaya fa molwetsi wa seemo se a kgona go latlhegelwa ke botshelo.
A re ba tshwentswe gape ke balwetsi bangwe ba ba mo kalafing ya TB ba ba inaakantseng le go itontela nnotagi, a kaya fa go dira jalo go kgoreletsa molwetsi go tsaya kalafi sentle ebile go dira gore dipilisi di seka tsa bereka ka fa tshwanelong mme botsogo jwa molwetsi bo fokole.
O ne a kaela banni bao go lemoga fa puso e dirisa madimadi go leka go babalela matshelo,mme le bone ba tshwanetse go tsaya maikarabelo ka go ema maiteko a nokeng.A re fa morafe o ka nna le tshwaragano le ba lephata la botsogo dintsho tsa malwetsi di ka fokotsega.
O supile gore ngwaga o o fetileng mo motseng wa Takatokwane fela ba nnile le balwetsi ba TB ba le 15,mme mo ngwageng o ba nnile le balwetsi ba le 4,mme a supa fa palo e, e le ntsi fela thata fa go lebeletswe ka fa bo tshelwanwang ka teng.
Mooki mongwe yo o direlang kwa motseng oo,Rre Abednico Kenabatho o ne a lemotsha batsena phuthego eo fa bolwetsi jwa TB bo ama mongwe le mongwe,mme a ba kaela go emisa mokgwa wa go kgetholola ba ba setseng ba amegile.
O ne gape a ba tlhalosetsa fa go letlelesega gore ba ka etela dikokelo fa ba tlhokana le kitso ka dikai tsa malwetsi a a farologanyeng, mme a ba rotloetsa go itlhatlhobela malwetsi kgapetsakgapetsa.
Mo dikakgelong tsa bone, morafe o ne wa itumelela dithuto tseo.Ba kaile fa ba ithutile fa botsogo jwa motho e le konokono ya botshelo ebile ba tla ela tlhoko le go tsibogela dikai dipe fela tsa malwetsi a a farologanyeng gore ba thusiwe nako e sale teng.
E ne e rile go le pele, moemela kgosi wa motse oo, Kgosi Rakgabo Rammurwana,a gakolola morafe go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa bone a kaya fa e le boikarabelo jwa motho ka bo ene go itshireletsa mo malwetsing a a farologanyeng le go ela tlhoko gore ka nako tsotlhe ba itekodisa ba bongaka go bona dithuso.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : Letlhakeng
Event : Segopotso
Date : 08 Apr 2015






