Breaking News

Galejewe o inosa ka nkgo

08 Apr 2015

Mme Malebogo Galejewe (43) yo o tlholegang kwa Gweta ke mongwe yo o nnileng tsebe ntlha go utlwa mokgosi wa gore mongwe le mongwe a ikemele ka dinao ka go dirisa mananeo a puso.

Mme Galejewe o ile a lemoga gore e tla re a re o tshela sentle a bo a itirela sengwe ka diatla tsa gagwe, a tshela ka mofufutso wa phatla.

Ga a ipona tsapa go ka dira leano la go itirela kgwebo ya go suga matlalo le gone go roka dithoto di akaretsa ditlhako, mabante, dibeke, diphate le tse dingwe ka go farologana ka one matlalo ao.

Mme yo o setse a na le lobaka lwa ngwaga di supa a le mo kgwebong e, a re fa a simolola, go ne go se motlhofo ka jaana o ne a sena madi mme fela a ikitaya sehuba gore sepe se seka sa mo kgopa.

A re o ne a sela matlalo go roka ditlhako le tse dingwe mme a dirise thaere ya koloi go dira serethe kgotsa sola ya setlhako. Mme Galejewe  fa a tla go itlhophela kgwebo eno, o ne a lebile botsipa jo a nang najo, o itsentse dithuto tsa go dira ka matlalo tse di neng di rulagantswe ke ofisi ya Rural Training kwa Gweta, a e tsena gape kwa Dukwi mme a ya go wetsa  kwa Impala gaufi le  toropo ya Francistown.

E re le fa a ne a simolola kgwebo ka ditshenyegelo tsa gagwe, Mme Galejewe a re o ne a bona go sa tsamaye sentle ka a ne a tlhaela dingwe didirisiwa, ka jalo a seka a ipona tsapa a ikopanya le ofisi ya boipelego go ikopela dithuso.

A re kopo ya gagwe e ne ya atlega ngwaga o o fitileng mme a thuswa ka didirisiwa di akaretsa ditlhale le tse dingwe tse a di tlhokang go tsamaisa kgwebo ya gagwe.Mme Galejewe a re le fa a itemogela theko e e ko tlase ya dithoto tsa gagwe, bogolo thata fa kgwedi e le fa gare, ga a nna fela ka boitlhobogo ka jaana o tsweletse ka go ipapatsa mo mafelong a akaretsa Maun, Dzoroga, Francistown le a mangwe.

A re ka dipoelo tse a di bonang, le ene o kgona go oba letsogo le gone go tlhokomela ba lelwapa la gagwe, gape o kgona go ituelela lefelo le a le hirisitseng go  direla kgwebo mo go lone.

Fa o lebile dithoto tsa ga Mme Galejewe, o ka lemoga fa e le motho a itse se a se dirang gape ga a  kgale go supa fa lenaneo la nyeletso lehuma le mo diretse tiro motlhofo ka o setse a kwadisitse kgwebo ya gagwe ka fa molaong e itsege ka leina la Gochela Shoe design.
BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 08 Apr 2015