Breaking News

Kereke e aga setshaba

08 Apr 2015

Mothusa tona wa tsa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Rre Moisaraela Goya, a,re kereke e thusa thata mo ditirong tsa setshaba, go aga malwapa, go ntsha batho mo go direng ditiro tse di duleng mo tseleng jaaka borukhutlhi le tse dingwe.

O buile jalo kwa phuthegong ya kereke ya ST Joseph Apostolic Church of Botswana ka letsatsi la paseka. A re o solofela gore malwapa a a agiwang ka kereke enne aa nang le tlhwatlhwa e bile a ka seke a sekingwe ke sepe.

A re kereke e kanna le seabe sa go golola batho go tswa mo go direng busula le go nna le seabe gape mo go direleng Lefatshe ditlhabololo le gone go itlhophela puso ee nang le boleng jwa go etelela setshaba

E ka thusa le go gakolola batho gore batsee mananeo a puso gore ba itirele ditiro tse di ka ba tokafatsang matshelo, go ba tlhabolola le go direla banana ba Lefatshe leno mebereko.

Orile a bua ka thuto a kopa phuthego ya kereke gore ba tlhwaafalele go rotoetsa bana ba bone gore ba ithute ka tlhwaafalo are thuto ke yone bokamoso jwa motho,le gore lefatshe la ga bone le ka ikgantsha ka ene, le gone o ka dira gore Lefatshe la ga bone le tsene mo phadisanong ya Mafatshefatshe.

Fa a araba dikopo tsa bone tsa gore kereke ya bone e beilwe fatlase ga Noka one are ene o bona ele mo lefelong lele siameng o kopa gore ba seka ba tswa mo go lone ka gore le motlhofo go kaelega, are ba dire mobaka go kgonang go le tlhabolola jaaka go tsenya metsi le gore ba epe mosele o metsi a pula a ka fetang mogoone a sa tsene mo kerekeng.

Are puso e tsweletse le go dira ka mo e ka kgonang go gokela metsi le motlakase mo motseng ono le fa madi a eta a tlhaela. Aba gakolola gore ba ikopanye le ba lebala la kgwele ya dinao ka ba bapile le bone gore ba tshwaraganele go gokela metsi le motlakase gore go seka ga ba turela.

Mothusa tona a ba kgothaditse go lwa ka gotlhe mo ba ka go kgonang go atolosa kereke ya bone bogolo jang kaele yone (headquarters)  e e lomaganyang dikereke tsotlhe gotswa mo mafelong a a farologanyeng  ale  lesome le boraro (13) go akarediwa letse ditswang kwa ntle ga lefatshe leno.

Bane gape ba bua ka madi a a duelwang ngwaga lengwaga a (lease) bare akwa godimo fela thata, lentswa bone basa diri dipoelo dipe ele dikereke., fa araba kgang eo mothusa tona one are ga gone se seka dirwang ka ele gone kafa puso e boang madi ka teng gotsaisa ditiro tsa puso le go fa Batswana ditlamelo ka teng ka one madi ao le  mo tsamaisong ya merero ya lefatshe.

Bishop Joseph Tsheko orile a amogela mo thusa Tona are dikereke tsa semoya di kwa tlase ka lobaka la gore puso ene y aba diegela ka go ba fa ditsha jaanong botshelo bo turu.

One a bolela fa kereke ya bone e simologile ka ngwaga wa 1950 e simololwa ke mosadimogolo a bidiwa Dirastus kwa motseng wa Matsilobjwe.

A tswelela are ka dinako tse di kereke dine disa letelelwe jaanong ane ba kerekela mo nageng kwa go dimo ga dithaba.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Letsatsi la Paseka

Date : 08 Apr 2015