Breaking News

Mebala ya kgaka e bonwa dikgakaneng

08 Apr 2015

Phepafatso ya mmele le ya tikologo ka kakaretso e botlhokwa thata mo baithuting.

Mo potsolosongbosheng, motsadi, Mme Chandapiwa Besi, a re go bothokwa gore motsadi a nne le seabe mo tebegong ya ngwana fa a ya kwa sekolong. O tlhalosisitse gore go tlhoka go mo tlhapisa go ka baka makoa al e mantsi mo mmeleng wa ngwana gape a seke a dire sentle mo dithutong tsa gagwe.

A re malwetsi a tshwana le motshweetshwee, dikwaba, go bola ga meno le go onala ga letlalo. Ka mangwe a one a tshelanwa se se ka baya baithuti ba bangwe mo diphatseng.

Mme Besi yoo e leng motsadi gape a bereka tiro ya go kgweetsa dipalamo tsa sechaba (taxi), are le fa tiro ya gagwe e mo tlama gore a nne fela ale mo tseleng gape a theogela ka makuku a naka tsa kgomo ga alebale go thlokomela bana ba gagwe.

A re moso le moso o tlhomamisa gore pele ga aya go theogela o baakanyetsa ngwana wa gagwe tse a ditlhokang,o a motlhapisa, o gatisa paka ya sekolo a bo a baakanya le sese ka isiwang maleng .

A re mo malatsing a gompieno bana ba fitlhelela diemo di tswana go tsena mo setswalong ka bonako ka dingwaga tse di kwatlase.

Ditla morago tsa diemo tse di kgona go baka monko wa mmele o sa tlwaelesegang.

Mme Besi o ne a bua a remeletse thata ka tlhokomeleo ya bana ba dikolo tse dipotlana, ka are baithuti ba santse ba le bannye go ka itirela dilo ditshwana le go gatisa diaparo le go ikama le tse dingwe fela jalo.

A re moithuti o tlhoka tikologo e phepa, e bile le ene ale phepa.

A re ntleng le tseo ngwana o kgona go lebagana le dikgwetlho di tswana le kwelo tlase ya maikutlo, a sa phuthologe ga ana le balekane ba gagwe.

O boletse fa go tlhokomela ngwana ele go supa lorato le go mo looletsa isago ya gagwe fa a setse a godile.

Mme Besi a re ngwana ke moko wa sechaba,sekolo se oketsa moko ka thuso le thotlowetso ya barutabana, le kemonokeng ya botsadi ko malapeng, fa puso e le pinagare ya maloko otlhe aa amegang.

A re o kopa batsadi gore banne ba tlhodumela matshelo a bana ba bone gangwe le gape, go tila malwetsi a masesanyane a bakwang ke go tlhoka bophepa mo mmeleng le tikologo.

Ka wa ise o sa ele mme Besi a re ka dinako dingwe o e tle a thuse ba ba dikobo dikhutswane ka go ba fa melora.

A tlhalosa gape gore bana ke ba mongwe le mongwe a kgetsi ya tsiee e tshwaraganelwe.

Ga a motswa dikgaba Rre Pono Mogibelo modiredi yo tlhokomelang dikago a re o kopa le borre go tsenya letsogo mo phepafatsong ya bana le tikologo, a mrlwalo o se kgarame lediwe mo go bo mme fela.

Rre Mugibelo a re Botswana o itlama go fitlhelela nngwe ya matshego tsa tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2016 . A re ga go le jalo botsadi bo ka kgaba ka bana ba bone ka “mebala ya kgaka e bonelwa mo dikgakaneng” ba iphe nako le bana ba bone gaba ya sekolong.

A re se se ka thusa le go fokotsa kanamo ya malwetsi a masesanyane a ko phelelong a ka bakang malwetsi a matona.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Setshege Muzila

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 08 Apr 2015