Breaking News

Tirisano mmogo e ka tokafatsa thobo

07 Apr 2015

Balemi ba kgaolo ya Sefhophe mo kgaolong ya Legare ba ne ba tshwere letsatsi la go lemotsha setshaba fa go obamela ditaelo tsa balemisi go ka ba tswela mosola.

Letsatsi le, le ne le tshwaretswe kwa tshimong ya ga Rre Galerekwe Buru kwa kgaolong ya Mokgatsha.

Go ya ka molemisi wa Sefophe, Mme Tshepho Mmangamola Kgomotso, tirisano mmogo magareng ga balemi le bagogi ba motse jaaka dikgosi go ba direla tiro motlhofo ka melaetsa e goroga ka nako kwa setshabeng.

Mme Kgomotso o tlhalositse gore fa ngwaga ono o simologa ba ne ba kopana go thulanya ditlhogo go dira moalo wa  gore ba tsile go bereka ka tsela e ntseng jang jaaka ketlelo masimo le ipelelo tlhobo.

Mme Kgomotso o tlhalositse gore ketelo masimo ya mono ngwaga e ne e itebagantse le balemi ba go lebegang ba dirile botoka le fa pula e ne e seyo,balemi ba masimo a go neng go lebega batla ora molelo wa mariga e ne ele ba ba lemileng ditlou,dinawa le Lab lab ba masimo a kwa Mowana,Mmadikgama le Mokhatsha.

Erile a ema balemi ba kgaolo ya Sefhophe ka lefoko mothusa mogokaganya mananeo a temo thuo mo kgaolong ya legare Rre Onkeme Gaebope a tlhalosa gore tiro ya balemisi ke go ruta balemi ka temo mme go tswa mo go ene molemi gore a ona le kgatlhego le lorato la temo.

Rre Gaebope o tlhalositse gore maikaelelo a go kopanya balemi e a bo ele gore balemi ba rutane ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo temong e le mo go tweng molemi o ruta molemi mme go supagetse fa go ka thusa thata.

Rre Gaebope o akgoletse komiti ya balemi ba Sefophe go bo e tshwere ka natla,a re go ka nna bofefo go amogela melaetsa le go bona dithuso tse di ka ba tswelang mosola,o tsweletse a tlhalosa gore go motlhofo go reka didirisiwa tsa temo ba le sethopha go na le motho a ikemetse ka nosi.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELIBE PHIKWE

Event : Letsatsi la balemi

Date : 07 Apr 2015