Breaking News

Mafaratlhatlha a tla tokafadiwa kwa Okavango

07 Apr 2015

Kgaolo ya Okavango e tla tsisediwa mafaratlhatlha a motlakase e le go oketsa o o ntseng o le teng.

E rile a buisa banni ba Gumare bosheng, mogolwane go tswa kwa koporaseng ya motlakase, Rre Mokwaledi Keipeile, a tlhalosa gore ba rumilwe ke puso go tsibosa setshaba ka ditlhabololo tse di tla tlang tse di oketsang motlakase mo kgaolong ya bone.

O tlhalositse gore thulaganyo e ke e kgolo mo lefatsheng ka bophara, e le gone go tokafatsa seemo sa motlakase mo lefatsheng, go tswa ko Morupule go felela mo kgaolong ya Okavango, Chobe, Ghanzi le mafelo a mangwe. 

A re dipale tse di tla tsenngwang di rwele motlakase, di tlaabe di nonotsha motlakase o o ntseng o le teng mo kgaolong gore o lekane. O buile gore seno se tla ngoka bagwebi go tla go dira ditlhabololo mo kgaolong ka go tlaabe gona le motlakase o montsi. 

Rre Keipeile o tlhalositse fa magoregelo a motlakase a tla nna mo motseng wa Gumare mme o anamisiwe le metsana e mengwe. A re thulaganyo e e tla simolola ngwaga o fela mme e tseye sebaka sa ngwaga tse tharo, a tlhalosa gape gore ha e ka diega e ka simolola ka ngwaga wa 2016 o simolola.

O tlhalositse fa a itse gore ditlhabololo tse di diragalela mo morafeng mme go ka nna ga ama masimo, didiba mme fa go le jalo puso, le morafe batla nna le dipuisanyo go bona gore ba dira jang.

Banni ba motse ba ile ba itumelela ditlhabololo tse mme ba kopa gore puso e hehose dinao go tlisa mafaratlhatlha ao ka a tla a thusa mme ba re ba amogela ditlhabololo tse ka mabogo a mabedi. Kgosi Jakoba Seidisa o ile a kopa morafe gore ba dirisanye le puso sentle, fa thulaganyo e e simolola mme a ba kopa gore ba seka ba senya. 

O ba tlhaloseditse gore ba itsise lekgotla fa go na le matshosetsi mo thulaganyong e fa e setse e simolotse mme o lebogile puso a re go a itumedisa ebile se se tla tlisa le mmereko mo banning ba motse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : GUMARE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 07 Apr 2015