Breaking News

Mapodisi a tshwere banna ka madi a maitirelo

07 Apr 2015

Mapodisi a Kanye a tshegeditse banna ba le babedi ba kgotla ya Sebego kwa Kanye ka molato wa go fitlhelwa ka madi a maitirelo a dipampiri a P12 800.

Go ya ka ramapodisi a Kanye, Superintendent Kealositse Konyana o boletse fa babelaelwa ba ntse ba dirisa madi ao a maitirelo mo go rekeng mo dimausung le marekisetso mangwe mo Kanye. 

O boletse fa go lemogilwe kwa dibankeng fa bagwebi bangwe ba ne ba re ba isa madi teng mme ga lemogiwa fa mangwe e le a maitirelo. Rre Konyana o boletse fa banna bao ba ne ba dirisa computara, laptop, CPU, memory stick go dira madi ao. 

O boletse fa ba isitse dilo tseo tsotlhe le madi ao ko go ba boitsayanape go di seka seka le go tlhatlhoba. O boletse fa molato wa teng fa motho a o bonwe, molato o sa fete dingwaga tse di supang mo kgolegelong.  O kopile bagwebi go nna podimatseba mo mading.

Mo dikgannyeng tse dingwe lekgotla la ga mmakaseterata la Kanye le satswa go begelwa fa ba bosekisi ba baakanya dipampiri tsa ga Thapelo Mabeo go ya go sekela ko High Court mo molatong wa gore ngogola a bolaye mmaagwe ngwana wa gagwe ka go mo kgaola kgokgotsho ko kgotleng ya Mafikana mo Kanye.

Mo go e nngwe lekgotla le ne la lebisa Rre Kabo Tlotleng (36) melato e le supa, mo go yone e le thataro ke ya go leka go bolaya batho bale barataro,  fa o mongwe e le wa go tshuba ntlo le dithoto ko kgotleng ya Mahikana mo Kanye, kgang ya teng le yone e tla isiwa ko High Court.

Fa mo kgannye e nngwe Rre Ketshephileone Mabe (31) mo Kanye a tla emela tsheko ko ntle morago ga go itshupa ko kgotla tshekelong ka molato wa go tlhaba monna mongwe ka thipa mo mahatlheng le mo lebogong ka bofelo ja beke.

Go bolelwa fa mongongoregi a santse a robaditswe ko sepateleng sa Sabata mo kanye, mmelaelwa o tla ithipota ko mapodising gangwe mo beke fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise

Date : 07 Apr 2015