Bomme ba Magapatona ba tlhama mokgatlho
07 Apr 2015
E re ka Motswana a rile setshwara ke ntsa pedi ga se thata e bile moroto wa esi ga o ele, bomme ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume ba ne ba ikopanya go tlhama mokgatlho.
Mo potsolotsong, modulasetilo wa mokgatlho o, Mme Pasina Monaani a re maikaelelo a mokgatlho wa Hamgroee ke go rotloetsa bomme go kopana, go dira mmogo le go thusana go rarabolola dikgwetlho dingwe tse ba kopanang le tsone.
Mme Monaani a re ba ne ba lemoga fa dingwe dikgwetlho tse bomme ba kopanang le tsone di akaretsa tsa botsogo, ba amega ka dipalo tse di kwa godimo mo lehumeng gape bangwe ba nna le bothata ka kgodiso ya bana gammogo le go tlhokomela lelwapa.
Ka jalo a re ka nako ya fa ba kopana ba nna le sebaka sa go gakololana ka dikgang tse di ba amang, ba rotloetsana go itlhatlhobela malwetsi, go itlhamela dikgwebo le tse dingwe ka go farologana.
Mme Monaani a re maloko a mokgatlho oo a kopana gangwe fela mo kgweding go ipua le gone go tswa ka megopolo e e ka godisang mokgatlho. A re mokgatlho o o simolotse ngwaga o o fitileng ka maloko a le mararo jaanong o setse o godile o na le maloko a le masome a mabedi.
O bile a re maloko a ipeetse seelo gore bofelo jwa kgwedi ngwe le ngwe ba ntsha masome a matlhano le botlhano a dipula. A re ba dirisa madi a go rekelana dilwana tsa kago, le didirisiwa ka go farologana mme o ne a tlhalosa fa mo mokgatlhong oo ba sa remelele fela mo dikgwetlhong tsa.
O boletse gore fa mongwe wa leloko a na le modiro kgotsa a wetswe ke seru, maloko ba ema ka dinao go mo tswa thuso le gone go ntsha dithebenyana.
Go sa le foo, modulasetilo o supile fa ba setse ba kile ba ikopanya le ofisi ya boipelego le ya merero ya bong go kopa dithuso go itlhamela kgwebo, mme a tlatsa ka gore ba dirile tsotlhe tse di lopilweng mme ba santse ba letile ka tsholofelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 07 Apr 2015






