Baithuti ba abela sekolo tshingwana
07 Apr 2015
Moteledipele yoo sa tswang go tlhophiwa bosheng wa lekgotla la baithuti ba Mmadikolo (UB SRC president) Rre Macdonald Kgosiekae a re "living and learning community" (Herladyship) ke lenaneo lele thusang baithuti gore baithute ka matshelo aa farologaneng a setshaba.
Rre Kgosiekae o buile jalo ka Matlhatso morago ga Labotlhano yoo Molemo jaaka ba ne ba direla ba bo ba abela baithuti ba sekolo sa Leporung tshingwana ya merogo, a tlatsa ka gore ba diragatsa letshego la tebelopele ya setshaba, la setshaba se se nang le kitso e bile se rutegile.
Moeteledipele wa lenaneo le, mme Nyaladzani Godson, are ba tlhophile sekolo seo morago ga gore ba lemoge ga sele kgakala le ditlamelo,a bolele gore dikolo tse dingwe tse di gaufi le magae le ditoropo di setse di thusitswe le fa go sa lekana.
Are tshingwana ya merogo ba e abela baithuti ka gore ke bontlha bongwe jwa dithuto tsa bone jaaka ba lokwalo lwa bosupa batlabo ba kwala ditlhatlhobo tsa bone.
Baithuti ba Mmadikolo la lemile merogo e akaretsa spinach,carrot, rape, spring onion gore baithuti ba sekolo seo ba ithute ka tsone,jaaka baithuti ba lokwalo lwa bosupa jaaka ba ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa ngwaga e fela.
Modulasetilo living and learning community yoa le ene eleng moithuti kwa Mmadikolo rre Dingalo Dingalo are maikaelelo magolo ke go rutuntsha bana ba baya go tsena sekolo kwa Mmadikolo batswa kwa magaeng gore ba tshwanetse go itse gore baile go diraeng kwa mmadikolo.
Baithuti ba mmadikolo[Herladyship] ba abetse baithuti ba sekolo seo dimpho ba ba dirileng sentle mo dithutong tsa bone e le mokgwa wa go ba rotloetsa le gokgothatsa ba basa kgonang go tsaya sepe go tlhoafalela dithuto tsa bone.
Erile a kgothatsa baithuti ba mme Cockie Keitebetse a bolela gore toro ya moithuti e ka sefetolwe ke sepe kgotsa ke ope, are ba ithute ka natla go re ditoro tsa bone di atlege are mme katlego eo emo diatleng tsa moithuti, morutabana le motsadi ba tshwaragane, atlatsa kagore mongwe le mongwe o nale bokgoni,are ngwana tota o itshupa ale monyanyane gore o tla nonofa.
Baithuti ba ba abetsweng dimpho ke ba maemo a ntlha le a bobedi go simologa ka lokwalo lwa ntlha go fitlha ka lwa bosupa, moithuti yoo gaisitseng botlhe mo sekolong, moithuti yoo phepa ba fiwa dibeke tse di tsenyang dibuka, le ditlhankana tse disupang gore ba rotloediwa ke Herladyship.
Ere go sale foo ba Herladyship go tswa kwa Mmadikolo ba abetse baithuti ba sekolo seo bale lesome le bongwe paka ya sekolo, e akaretsa mesese ya basetsana, marokgwe dihempe dikausu le tsone ditlhako tota.
Mme le sekolo seo le sone ba se abetse printer,e leng gore e ntsifatsa dipampiri gape e ka tsamaisa mokwalo kgotsa sepe ka bofefo[scanner],dipampiri tse di tla ithutang ka baithuti ba lokwalo la ntlha , le dipampiri tse ditla dirisiwang mo sekolong.
Erile a amogela dimpho tseo mogokgo wa sekolo seo mme E Letsholo a leboga thata a bolela tiro ya bone e tla nna motlhofo thata a solofetsa gore batla somarela dimpho tse ba di dirisa go ntsha maduo.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Mmakgori rre Matthews Tuelo, o lebogile baithuti ba mmadikolo ka go lemoga gore sekolo sa Leporung se nale dikgwetlho ,are go supa gape baitebagantse le matlhoki a matshelo a Batswana.
Rre Tuelo o tsweletse are thuto ke chaka ee ma magale mabedi are baithuti ba Mmadikolo batlile go tlhabolola matshelo a batho le ditlhaloganyo tsa batho ba Leporung.
O tsweletse are ba dira se bana le tebelopele, are o lemoga ba tlisitse tse di molemo ,are ke yone tebelo pele ea boletseng ba tshela yone, jaaka ele baithuti,gape baithuti batla gola ba na le boikarabelo.
Rre Tuelo o ne a rotloetsa ba Herladyship are monna yo o itseng tiro ya gagwe kgotsa maikaelelo a gagwe a ka se fetolwe ke sepe kgotsa ke ope.
Moithuti yo o gaistseng botlhe mo sekolong seo Puleng Motsamai a supa a itumetse fela thata ebile a bolele gore jaaka atla ba a kwala dtlhatlhobo tsa lekwa la bosupa a tla tsaya maemo a ntlha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Kabo ya tshingwana ya merogo
Date : 07 Apr 2015






