Breaking News

Pula e sentse kwa D'Kar

04 Apr 2015

Dipula tse di tshologileng kwa Ghanzi di amile malwapa a le masome mabedi le bosupa kwa motseng wa D'kar.

Molaodi wa kgaolo ya Ghanzi, Rre Andina Dintwa, a re ba ne ba fudusa batho ba le 210 go ba isa kwa sekolong ka gore ba ne ba sena fa ba ka robalang teng.

Molaodi a re tsela ya Ghanzi/D'kar e eme metsi ka jalo bakgweetsi ba tshwanetse go nna kelotlhoko fa badirisa tsela eo. Molaodi a re ba eme ka dinao go thusa mongwe le mongwe yo o ka amiwang ke dipula tse ditsweletseng ka go tshologa mo kgaolong eo.

Rre Dintwa o ne a kopa masika a batho ba ba ka tswang ba amilwe ke pula go ba fa boroko. 

Molaodi a re bontsi jwa matlo a amegileng ke a a agilweng fa molapong jaanong dipula fa di na metsi a ema fela ga gona kwa a ka elelelang teng ke sone se se dirileng gore malwapa ao a amege. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : Ghanzi

Event : Potsolotso

Date : 04 Apr 2015