Breaking News

Kgosi o kgala ba ba rekisetsang bana ditagi

01 Apr 2015

Kgosi Keineetse Sebele wa kgotla ya Phase 4 mo Gaborone a re ga a jesiwe diwelang ke batsadi ba ba rekisetsang bana ditagi. 

O buile jalo kwa pitsong ya botsogo kwa kgotleng ya Phase 4 bosheng. A re mokgwa wa go dira jalo o maswe e bile o ka senyetsa bana bokamoso.  A re batsadi ba ba dirang jalo ba potoka motokwane jaaka o ka re ke dilekere mme ba rekisetse bana ba sekole.

Kgosi o boletse fa madi a motho yo o dirisang diritibatsi a ganana le kalafi. A re fa motho a tshwaregile ke ditlhabi ga go motlhofo a ka thusiwa ke melemo ka jaana madi a gagwe a na le bothata jwa ditagi. 

O ne a kopa batsadi go kganela mokgwa wa go rekisetsa bana ditagi, a re ba seka ba o letlelela go tsena ka malwapa a bone.  E rile a ntsha la gagwe, mookamedi wa kokelo ya Julia Molefhe, Mme Dineo Nkgageng a re maikaelelo a kokelo eo ke go ntsha ditirelo tse di tswanetseng. 

O ne a tlhalosa fa kokelo ya Julia Molefhe e butswe ka 1999 go ntsha ditirelo tsa botsogo bosigo le motshegare. A re kokelo ya Julia Molefhe e ntsha ditirelo di akaretsa tsa thibelo malwetse, dithuto tsa botsogo, melemo le diritibatsi ga mmogo le mekento ya bana.

Le fa go ntse jalo, Mme Nkgageng o tlhalositse fa dingwe dithuso e le tse di bonwang motshegare fela.  A re le fa kokelo e nnile le ditlhabololo e sa ntse e ise e kgone go ntsha ditirelo di tshwana le tsa pelegi.

Mme Nkgageng o ne a sedimosetsa batsena phuthego ka ditlhabololo tse di dirilweng mo kokelong.  A re go ne ga dirwa ntlwana e e fang thuso ya potlako, e e nang le malao a le mane go thusa ba ba pitlaganeng thata.

O tlhalositse gape fa kokelo ya Julia Molefhe e atolositse ka fa go tseelwang dipilisi le melemo teng. O boletse gape fa kokelo e na le ntlwana e go tlhatlhobelwang mo go yone mme e ise e nne mo tirisong ka e emetse go tsenngwa didirisiwa. Mme Nkgageng a re kokelo e okeditse lefelo le go emelwang dithuso mo go lone go itsa mosuke.

O ne a tlhalosa fa kokelo ya Julia Molefhe e amogela motho mongwe le mongwe yo o batlang dithuso tsa botsogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kelebogile Taolo

Location : GABORONE

Event : Pitso ya botsogo

Date : 01 Apr 2015