Breaking News

Loaro le ka namola kanamo ya mogare

25 Mar 2013

Mogolwane go tswa kwa ofising ya ACHAP, Mme Shungu Malikongwa, a re ditshekatsheko di supile fa lenaneo la go ara borre  le ka thusa go namola lefatshe leno mo mogareng wa HIV.

Mme Malikongwa o buile seo kwa segopotsong sa kgwedi ya banana kgatlhanong le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS kwa Mmathethe bosheng. A re fa borre ba ka tsibogela loaro leo ka bontsi, malwetse a tlhakanelo dikobo a ka fokotsega, a tlatsa ka gore go dira jalo go ka  thusa puso ya lefatshe leno go fokotsa madi a a dirisiwang go reka diritibatsi tsa mogare wa HIV.

Mme Malikongwa o ne a kgothatsa banana, bogolo jang ba basimane, go tsaya kgato go ipaakanyetsa isago ya bone ka go tsibogela mananeo a ba botsogo jaaka loaro le le babalesegileng go kgaola letlalo le go thibela mogare wa HIV, a re go dira jalo ke go supa boikarabelo.

O tlhalositse fa banana e le baeteledipele ba lefatshe leno ba ka moso ka jalo  ba tshwanetse go tsaya mananeo a botsogo ka tlhwaafalo.

Mme Malikongwa o tlhalositse gore lekalana la bone  le ikemetse ka nosi mme le tshwaraganetse ntwa kgatlhanong le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS le puso ya lefatshe leno fa e sale ka ngwaga wa 2001. O tshwaetse gape go re seabe sa bone ke go thusa puso ka bodiredi jo bo rutetsweng tiro ya go ara borre, didirisiwa tsa loaro le tse dingwe fela go ya ka botlhoki jo bo leng teng.

A re keletso ya bone ke go bona maikaelelo a lefatshe leno a tebelopele ya setshaba a atlega, gore e re ka ngwaga wa 2016 e bo e le tshaba e e itekanetseng, e e se nang batho ba ba amiwang ke mogare wa HIV.

O ne a tlhalosa gape go re ka ngwaga wa 2009, ba ne ba ipeela seelo sa go ara borre ba le 127 000, ba ngwaga tse di lesome le botlhano go ya kwa go tse di masome a mabedi le borobabongwe ka ngwaga wa 2014. A re se, ke go etleetsa ba lephata la botsogo mo maitekong a bone.

Mogolwane wa  lephata la botsogo e bile e le mogokaganyi wa lenaneo le le itebagantse le loaro la borre, Rre Conrad Ntsuape, o tlhalositse fa kgwedi ya banana e le kgwedi e e faphegileng.

A re go fetola boitshwaro ga banana mo go tsa tlhakanelo dikobo le go tsibogela mananeo a ba botsogo go ka thusa fela thata go fokotsa kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS.

O tsweletse a re lefatshe leno le dirile mananeo a le mantsi go leka go lwantsha bolwetse joo mme seo ga se ise se lekane. A re  lephata la botsogo le lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi fela thata mme a re ba leka ka bojotlhe go di lwantsha.

Rre Ntsuape a re fa e sale go simolodisiwa lenaneo la go ara borre ka ngwaga wa 2009, borre ba le 62 620 ba setse a dirilwe loaro, a tlatsa ka gore mo ngwageng o o fetileng ba ne ba le 40 517.

O ne a kopa banana go ikgapha mo go tsa tlhakanelo dikobo go itsa go tsenwa ke malwetsi.

O tsweletse ka go sedimosa go re puso e  dirile maiteko a go ntsha mananeo a tshwana le la go thibela mogare go tswa mo go mma ngwana yo o itsholofetseng go ya kwa loseeng (PMTCT), diritibatsi tsa mogare wa HIV ga mmogo le go simolodisa makalana a go itlhatlhobela mogare kwa go one mme go supega fa batho ba sa ntse ba tsweletse ka go tswenwa ke mogare.

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Mmathethe, Mme Tebogo Mack, o ne a tlhalosa fa letsatsi le le le botlhokwa fela thata ka banana ba newa dithuto tse dintsi fela thata tse di amanang le botsogo.

Letsatsi leo le ne le rulagantswe ke ba lekalana la ACHAP mme le ne le natefisiwa ke seopedi sa kwa  Aferika Borwa,  Rre Jonny Mokhali. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : MMATHETHE

Event : Segopotso Sa Kgwedi Ya Banana

Date : 25 Mar 2013