Kgokgontsho ke matlhotlhapelo
01 Apr 2015
Botswana fela jaaka lefatshe ka bophara, o tshwenyegile thata ka koketsego ya kgokgontsho bogolo jang ya bomme le bana ba basetsana.
Dipalo tsa kgokgontsho ya bong di golela pele bosigo le motshegare. Kgokgontsho e direga malatsi otlhe, gongwe le gongwe; mo malwapeng, kwa ditirong le fa gare ga batho tota.
Fela jaaka kgokgontsho e golela pele ka dipalo tse di sisimosang mmele, manokonoko a a bakiwang ke kgokgontsho le one a golela pele ka dipalo tse di tshosang ka jalo e tshwanetse go emelwa ka dinao, ga dirwa tshotlhe tse di kgonegang, ke batho botlhe gore e nyelediwe gotlhelele.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, modiri wa lekalana la merero ya dikgang tsa bong, Mme Gorata Nthabi o supile fa kgokgontsho ya bong e le mokgwa mongwe le mongwe wa kgokgontsho mo go rre kana mme, ka mabaka a bong jwa bone.
“Kgokgontsho e e ka diragala mo sephiring kana mo pontsheng mme e felela ka go tlisa kutlobotlhoko le pogisego mo mmeleng,mo tlhaloganyong kgotsa maikutlo le mo go tsa tlhakanelo dikobo. Ka bokhutshwane, sengwe le sengwe se se ka rontshang motho nonofo le taolo e a nang nayo se supa kgokgontsho le kgatelelo,” a tlhalosa.
Mme Nthabi o supile fa kgokgontsho e le mefuta mentsi mme e akaretsa kgokgontsho ya mmele, kgokgontsho ya tsa tlhakanelo dikobo, kgokgontsho ya tsa itsholelo le kgokgontsho ya tlhaloganyo le maikutlo.
O tlhalositse fa kgokgontsho ya mmele e le tiragalo epe fela e e ka lereng ditlhabi le kutlobotlhoko mo mmeleng wa yo o amegang. O tlhalositse fa e akaretsa go betsa, go tlhaba ka thipa, go tladimola le tiriso ya sengwe fela se se ka bakang dikgobalo.
O supile gape fa dikai tsa mofuta o wa kgokgontsho di akaretsa dipolaano tsa banyalani kgotsa baratani, go raga le gone go kgarametsa tota.
Kgokgontsho ya tsa tlhakanelo dikobo yone, o boletse fa e akaretsa go pateletsa tlhakanelo dikobo jaaka go betelela kgotsa go pateletsa mokapelo tlhakanelo dikobo ko ntle ga tumalano,dititeo tse di lebaganyeng le go tlhakanela dikobo, go phoraphora yo mongwe ka dikgoka o batla tlhakanelo dikobo.
“Dikai tse dingwe tsa kgokgontsho ya tsa tlhakanelo dikobo ke go itseela dikobo ka dikgoka mo baneng ba dingwaga tse di ka fa tlase ga lesome le borataro e e tlwaelesegileng ka go bidiwa defilement ka puo ya seeng, go tlhakanela dikobo le ba lesika kgotsa ba o tshotsweng nabo e ka nna ngwana, kgaitsadio, ntsalao, malomaago, motsadi wa gago jalo jalo, ” a tlhalosa.
Fa a ama kgokgontsho ya tsa itsholelo, mme Nthabi o boletse fa e le tsela ya kgatelelo e mo go yone mokgokgontshi a iponang e le ene yo o ka tsayang ditshwetso a le nosi mo go tsa madi, a rontsha yo mongwe go nna le sebaka sa go ikokotleletsa kgotsa go itseela ditshwetso ka tsa itsholelo le madi, a thibela motho yo mongwe go itirela ka boene.
O boletse fa kgokgontsho ya tlhaloganyo le maikutlo e le tsela e ka yone motho a lekang go laola yo mongwe ka go utlwisa maikutlo a gagwe botlhoko. O boletse fa se se ka diga seriti sa yo o amegileng mme a felele a tshwabelelwa ke malwetsi ka ntlha ya kutlobotlhoko e. Are dikai tsa kgokgontsho e ke go tshosetsa yo mongwe, go gataka yo mongwe ka dinao, go boulela, go sotla yo mongwe o mmitsa maina a a sa itsagaleng le tse dingwe.
Mme Nthabi o kaile fa kgokgontsho ya bong e bakwa ke go tlhoka kitso ka kgokgontsho le thibelo ya yone, mo a gateletseng fa ele one modi wa kgokgontsho ya bong.
Tse dingwe tse a buileng a sa kgale mathe ganong fa di rotloetsa kgokgontsho ke ditumelo,ditiro le ditlwaelo dingwe tsa ngwao di dirisiwa jaaka seipato go kgokgontsha ba bangwe, go iphetisa majalwa le ditagi,go sa itse ditshwanelo tsa bone ga ba ba amegang,go dumela gore ga gona molato fa rre a mo tsietsa le go ineela mo kgokgontshong ga bomme,bobelotshetlha le dikakanyo tse e seng tsone mabapi le lenyalo le go ntshiwa ga bogadi le tse dingwe.
Mme Nthabi o kgadile a sa boele morago mokgwa wa baratani wa go becha(go neela mokapelo wa gago madi kana dimpho tse di turang ) mo go senang boikarabelo kana go sa tlhokafale, a tlhalosa fa o rotloetsa kgokgontsho ka o tsala dikgotlhang kana dipolaano fa botsalano jwa baratani bo setse bo fela.
O tsweletse ka go bolela fa dipalo di supa gore bontsi jwa batho ba ba kgokgontshiwang ke bo mme. Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa go na le bomme ba ba kgokgontshang borre mme boammaaruri ke gore bokete jwa kgokgontsho bo le mo go bomme.
O boletse fa bana le bone ba amiwa thata ke kgokgontsho.
Mme Nthabi o boletse fa kgokgontsho ya bong e nale ditlamorago tse di ngomolang pelo jaaka dikgobalo tse di akaretsang go robega,dintho le bogole, loso, go ima e se ka maikaelelo go dirwa ke go patelediwa tlhakanelo dikobo kana go idiwa go tsaya tsa thibelo pelegi,go thubega ga malwapa le gone gore bana ba ba goletseng mo malwapeng a a nang le kgokgontsho kana ba kile ba kgokgontshiwa gantsi ba ka iphitlhela le bone jaanong ba kgokgontsha ba bangwe.
Go ya ka mme Nthabi, tseo ga se tsone ditlhabi fela tse di bakiwang ke kgokgontsho, mme tse dingwe ditlhabi e le go inyatsa le go latlhegelwa ke seriti,go tshelela mo poifong le go nna le mathata a tlhaloganyo ga yo o amegang.
Mme Nthabi are manokonoko a a tlisiwang ke kgokgontsho ga a babalele fela ba ba kgokgontshiwang mme a ama gape le goromente ka kgokgontsho e baka ditshenyegelo tse di bakiwang ke go tlhotlhomisa dikgang tsa go nna jalo kgotsa ditsheko ke ba sepodise,ditshenyegelo tse di amang tshidilo maikutlo ya ba ba kgokgontshiwang, tiriso ya ditsompelo tse dingwe jaaka dipalamo le ditshenyegelo tsa tlhokomelo ya bongaka le kalafi e e fiwang ba ba gobetseng ka ntlha ya kgokgontsho le yone tatlhegelo e e bakiwang ke go latlhegelwa ke bonatla le botlhaga ga ba ba kgokgontshiwang mo ditirong.
Mme Nthabi o boletse fa go le botoka go thibela kgokgontsho go nale go aramela ditlamorago tsa yone ka jalo o gwetlhile sechaba go tsaya maikarabelo a a feletseng go lwantsha kgokgontsho.
O sedimositse fa setshaba se nale maikarabelo a go fedisa kgokgontsho ya bong ka go nna kgatlhanong le go gatakwa ka dinao ga bomme, go rotloetsa batho go bua fa ba na le mathata eseng go dirisa kgokgontsho, go itsese ba sepodisi kgotsa makgotla a mangwe a dithuso ka ditiragalo tsa kgokgontsho, go kgala mofuta mongwe le mongwe wa kgokgontsho ya bong le gone go ruta bana go tlotlana, bogolo jang bana ba basimane go tlotla ba basetsana le bomme. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Manene
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 01 Apr 2015






