Phokoje go tshela yoo dithetsenyana...
01 Apr 2015
Lafatshe leno jaaka mafatshe a mangwe le lebanwe ke dikgwetlho tsa letlhoko la ditiro.
Seo, se bo se raya gore motho a dirise tlhaloganyo, dikitso le talente ye a nang le yone go itshetsa ka bonosi kana le ba lelwapa la gagwe.
E re ka Motswana a re phokoje gotshela yoo o dithetsenya , mongwe wa banana e bile e le motlhoka-pono, Rre Mopati Tshupelo, wa dingwaga tse di masome mabedi le bofera bongwe (29) ene o filwe talente ya go opela le goiteletsa seletso (key board), le gone goitlhamela dipina tota.
Rre Tshupelo fela jaaka ba-na-le bogole ba bangwe ba ba inaakantseng le ditiro tse di farologaneng ke seopedi se gole gantsi o ka se fitlhelang fa kgorong ya marekisetso a Spar mo Palapye kwa makopanelong a ditsela tsa ditoropo tse pedi tsa lefatshe leno.
Rre Tshupelo o filwe lentswe le le balolang, fa a a opela o ka seka wa batla gosuta tsele go fitlhelela a wetsa pina ya gagwe, ke setswerere ele ruri, ona le kabelwa, lekawana le letsholwe mo kgaolong ya Serowe borwa, dikhilomethera dikanna masome a matlhano le bosupa Bophirima ja Serowe, kwa motsing o bidiwa Moiyabana.
Ka gotsomana le se seyang ganong one a iphithele a wetse mo motsing wa Palapye, ka Setswana sere “moswela gabo ga jewe o tshwana le moswela kgakala” a ikutlwa a a mogelesegile fa ba lebekele la Spar ba moneela lefelo go ka ledirisa go ipapatsa ka gontsha ka thaa, le go supa yone talente ya gagwe ye a e a betsweng ke mmopi.
Lekawana le na le mmenyana le bana bale bararo, basetsana bale ba babedi le mosimane bale babedi batsena sekole yo mongwe o sale mmotlana.
Tshupelo o gatisitse moopelo wa gagwe wa ntlha mono ngwaga, Track ya gagwe ena le dipina dile thataro, lefa e isi e tsene mo marekisetsong yone e setse ele teng goka ithekelwe ke setshaba go mo utlwa sentle baiketlile kwa malapeng a bone are keletso ke go e anamisa le marekisetso, le gone kwa toropo kgolo Gaborone kwa setlharing .
Othusitswe go gatisa Album eo ke ba Shigomara Recording Studio mono Palapye, ele ya moopelo wa sekeresete, gape ele yone ya ntlha go e gatisa e bidiwa “Letsatsi le eta” . o Osupile fa a kgonne goduelele kgatiso eo P2 100.00 go balelwa le madi a go e sega, are madi ao one a thusiwa ke Tautona ka one ka nako ya a buisa phuthego ya kgotla mono Palapye. Mopati are one a fiwa P3 000.00, yo o mokgontshitseng go fitlhelela toro ya gagwe ya gonna le Album.
Oile a isa bokuelo kwa setshabebg goreka album ya gagwe ka P50.00 fela, mme a isa ditego gape kwa go bao ba nnileng le seabe go mothusa ka didirisiwa, ga mmogo le maphata a puso, are gole gantsi bam o laletsa mo medirong gonatifisa letsatsi.
One gape a leboga Tautona ka thuso e a mo eneetseng le bone ba lebekele la Spar b aba mo neetse lefelo go le dirisa kwantle ga tuelo epe, are o kgona go oba letsoga ka se a se lathelelwang ke bareki fa a letsa.
Oile are ona le bana le mosadi yo a ikaelelang go monyala, mme mathata a gagwe ke bonno, fa a nnang teng o firisitse, a tlhalosa fa ana le setsha mme a sena one madi a go seaga. Oile are o solofela gole gontsi mo go boneng mosamarea yo o molemo go mothusa, ka a itse ebile a tlhaloganya mautlwelo botlhoko a Batswana le bao b aba agetseng lefatshe leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Botshelo jwa monana wa seopedi
Date : 01 Apr 2015






