Breaking News

Tsokotshaa o nyoretswe mananeo

01 Apr 2015

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Tsokotshaa kwa kgaolong potlana ya Tutume, Rre Johannes Gabalekane, o supile fa bontsi jwa banni ba motse o ba supa kgatlhego tebang le mananeo a puso ka go farologana ga one.

Rre Gabalekane o buile jalo mo potsolotsong bosheng, mme a tlhalosa fa banni ba motse ba nyoretswe go ka dirisa mananeo go tlhabolola matshelo a bone ka jaana ba tsweletse ka go a  ikwadisetsa ka dipalo tse di kwa godimo.

A re bangwe ba ikopetse a nyeletso lehuma a akaretsa la kapei ya borotho, go roka, go lema ditshingwana tsa merogo, fa bangwe bone ba ikopetse a thuo ya dihutshane le a mangwe a a akaretsang a temo thuo ka go farologana. 

Modulasetilo o bile a tlhalosa fa bangwe banana le bone ba ikopetse madi go simolola dikgwebo mme a supa gape fa bangwe ba setse ba amogetse tse ba di ikopetseng e bile ba simolotse ditiro tsa bone ka go farologana. 

O ne a tlatsa ka go tlhalosa gore bangwe le bone ba setse ba tseneletse ithutuntsho ya go tlhokomela mananeo a ba ikopetseng fela ba letile go abelwa didirisiwa tse ba di ikopetseng.

 Go sale foo, Rre Gabalekane a re le fa baikopedi ba dira ka gotlhe gore mananeo a bone a seka a phutlhama, letlhoko la  motlakase ga mmogo le dipalamo tsa sechaba mo motseng di ba beile ka fa mosing.

A re mangwe mananeo a akaretsa go loga le go dira moriri a tlhoka motlakase go re didirisiwa tsa teng di bereke. Rre Gabalekane a re le fa ba fiwa difetlhamotlakase, sebe sa phiri e nna gore di tshabelelwa ke go senyega mme di tseye lobaka go baakangwa seo se felele se ama lenaneo.

O tlhalositse gape fa letlhoko la dipalamo tsa sechaba le seemo sa tsela se se sa siamang di berekisa bangwe ba ba tsereng mananeo ka thata. A re seemo se se dira gore go nne thata gore baikopedi ba ka rwala dithoto tsa bone go di rekisa mo metseng e e gaufi kgotsa go ipapatsa.

O bile gape a tlhalosa fa seemo se se dira gore go nne thata gore beng ba mananeo ba ka ikopanya le diofisi tse di maleba go kopa tharabololo ya dikgwetlho tse di tlhagogang tebang le mananeo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 01 Apr 2015