Ba dirisa ditsa-tlholego go lepa loapi
01 Apr 2015
Mo malatsing a segompieno go dirisiwa maranyane a sesha go lepa lowapi mme go santse go na le Batswana bangwe ba ba santseng ba dirisa dimela dingwe tsa mo nageng tse ba dumelang fa di supa kgoro kana tlala kana ba lepa ditiragalo tse di diragalang mo lefatsheng.
Mme Thandile Buru yo o dingwaga tse di masome a supa wa kgotla ya Magapatona kwa Tutume a re ene o setse a lemogile fa nako le nako morago ga ditlhopho ngwaga o o latelang e be e le ngwaga wa leuba.
Mme Buru a re seo ke se a setseng a na le kitso ya sone,a gatelela ka gore monongwaga go a itshupa fa go le leuba ka kwa masimong dijalo disule,pula ga e yo le yone phulo ya lerui ga e yo.
A re gape le go ungwa ga setlhare sa mophane go ne go supa fa ngwaga eno e le wa leuba. O tlhalositse fa setlhare sa mophane ngwaga o fitlhelang seungwile mo bana bas one ba robang dikala seo se supa leuba le le botlhoko.
A re balemi bangwe ba setse ba itlhobogile mo ba setseng ba boletse leruo la bone go hula mo masimong a bone.
Bontsi jwa bagolo jo BOPA e neng ya ba botsolosa ba ne ba supa fa ba setse ba itemogetse gore nako le nako morago ga ditlhopho go nna leuba se se bo se supa gore leuba le tla morago ga dingwaga tse tlhano.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 01 Apr 2015






