Batswana ba lesego
01 Apr 2015
Batswana ba gakolotswe go lemoga fa ba le sego thata ka jaana puso ya lefatshe leno e eme ka dinao go ba thusa.
Se se kailwe ke mookamedi wa tsa temo-thuo mo kgaolong ya borwa botlhaba, Mme Monia Mfolwe kwa phuthegong ya lekgotla la beng ba diterekere la Ramotlokwa Tractor Owners Association
kwa Ramotswa ka Labone.
Mme Mfolwe a re balemi ba seka ba lemoga diphoso tsa puso fela, mme ba lemoge le tse dintle tse puso e ba di direlang.
A re dikgang tsa madi a temo di a tshwenya ka jaana fa go buiwa ka madi, mongwe le mongwe o nna pelotshetlha mme a gakolola Batswana go ela tlhoko mokgwa wa go rata madi ka jaana o ka ba tsenya ka mosima.
A re gape ga gona madi a a tshwanetseng go lopiwa mo baleming pele ba ka lemelwa ka jaana madi otlhe a duelwa ke puso eseng motho yoo lemelwang.
A re go tsaya dituelo mo pusong le mo baleming, ke go ja balemi ntsoma mme a gakolola gore fa go na le ba ba dirang jalo ba emise ka a re ba senya ditumalano.
O gakolotse beng ba diterekere go di tlhokomela thata le gore ba seka ba lema tshimo epe e e matlapa ka se se ka baka tshenyo mo go tsone mme morago ba tloge ba ngongoregela lemme le puso e ba atswang ka lone.
Fa ba tswa la bone ba lekgotla la Ramotlokwa Tractor Owners Association
ba supa fa ba sa itumelele mafoko a ga mme Mfolwe a dikgang tsa madi ka jaana ba re ba senyegelwa ke megoma le diterekere.
Ba re ditlhwatlhwa tsa go lema di ko tlase fela thata ka jaana ba tshwanelwa ke go kgaogana madi ao le ba ba ba thapang go lema.
Ba kopile ISPAAD go sekaseka le go kgaoganya madi a go lema le a go jwala gore ba kgone go kgaogana madi a sentle.
Ba Ramotlokwa Tractor Owners Association
ba ne gape ba kopa gore ba ISPAAD ba dire dithuto tse di tseneletseng tsa gore go lema ke bokae go jwala ke bokae go itsa dikgogakgogano le ba ba thapiwang ke beng ba diterekere.
Le fa ntse jalo modulasetilo wa lekgotla le, Rre Omphitlhetse Mhapi o ne a akgola lenaneo la ISPAAD go bo le dirisantse sentle le bone ga mmogo le go dira dituelo tsa bone ka bofefo ngogola.
A re go le gantsi dituelo tse di tsaya nako mme mo go ba baya mo mosing wa go tlhoka ditsompelo jaaka leokwane fa ba tshwanelwa ke go lemela ba bangwe. Rre Mhapi o ne a kopa beng ba ditereke go tsenelela bokopano jwa beng ba diterekere jo bo tla tshwarwang kwa Maun, go ya go ntsha matshwenyego a bone.
Mongwe wa balemi gape ele mong wa terekere Rre Ditshwele Kereng a kopa ba ISPAAD go tsisa peo ya lebelebele ka a re Batswana ba ne ba supa fa ba e ratile thata ka nako ya tekeletso.
A re mmidi ga o ba tswele mosola ka oa sha, mme a re go lema mmidi ke go tshameka ka ditsompelo tsa puso. ENDS
Source : BOPA
Author : Lesego Lelokwane
Location : RAMOTSWA
Event : Phuthego
Date : 01 Apr 2015






