Breaking News

Mazala e tshwaragana le sekole sa Mantshwabisi

31 Mar 2015

E rile bosheng mokgatlho wa Mazala Foundation ya itshwaraganya le sekole se sebotlana sa Mantshwabisi primary school. 

Go ya ka Rre Baikitse Mazala le Mme Gaone Mazala ba Mazala Foundation ba nyalane le sekolo seo ka lenaneo la puso la “Adopt a School”.

Ba re e ne yare ba ntse ba akanya le go lebelela ba bona ba kgathiwa ke sekolo seo sa Mantshwabisi ka se tshwere bana ba ba tswang mo metseng ee farologanyeng ya tengnyana teng.

Ba tlhalositse fa bane ba kopana le mogokgo wa sekolo seo Mme Kesetsenao Bojase lebo monnawe , Kgosi Dikaelo Tsiang, Motlhokomedi wa bana(Matron) Mme Mpule Kgosiang, Mokhanselara Rre Meshack Tshenyego leba dikomiti tsedi farologanyeng tsa motse mme ba seka baba kgaphela ntle ba amogela mogopolo oba neng batla ka one ka tsoo pedi.

Ba tlhalositse bane baya go kopana gape le bogogi kwa Gaborone mme le bone hela jalo ba seka ba senya sebaka sepe ba dumalana ka botsalano joo.

Erile ba ipelela letsatsi la botsalono joo lele neng la tshologela ke morafe wa motse oo leba metse ee mabapi jaaka Serinane.

Mokhanselara wa kgaolo ya Mantshwabisi Rre Meshack Tshenyego one aba eteetsa kago ntsha phorogotho ya kgomo go shabisa letsatsi leo faba sekolo le bone ba Mazala Foundation bane ba itshecha go reka dijo le dino. 

Ba Mazala Foundation bane ba abela sekolo seo kapari ya kgwele ya dinao, dibolo ka go farologana ga metshameko , dikipa tsa Vision 2016, dipensele, dibukana lese dingwe fela jalo. 

Mogokgo wa sekolo seo Mme Kesetsenao Bojase one a supa letlhabo ka sese diragetseng a tlhalosa faba sekolo sa gagwe ba itumeletse dimpho tseo tsedi neng tsa abiwa mo matlhong a mogolwane wa thuto Rre Molefe Mogale gotswa kwa diofising tsa thuto kwa motseng wa Letlhakeng. 

Erile a ntsha la gagwe motlhokomedi wa bana ba sekolo seo sese boding mme Mpule Kgosiang are o itumetse phetelela ka jaanong bana ga bana go thwaethwaega go sena seba se dirisang mo metshamekong.

Kgosi Dikaelo Tsiang one a lebogela tomagano eo a tlhalosa fa thuto ele konokono are seba se filweng base somarele gore gotle go nne le maduo a bokamoso.Are dilo tse tsa bo “Adopt a school” ba ntse ba di utlwalela kwa Gaborone are o itumelela gore motes wa gagwe o nnile lesego. 

Erile a ntsha la gagwe, Rre Mokopi Kodima, mongwe wa baba simolotseng go tsena kwa sekolong seo o tlhalositse ditso tsa sekolo seo jaana.

Are erile ka ngwaga wa 1972 gone go kare goa tshamikiwa ka bane ba simolola go tsena sekolo ba tsenela mo sebateng ba rutwa ke Mme Maramanayana yoo e neng ele ngwana wa Mantshwabisi mme yare ka 1973 ga agiwa nto ya Setswana eba neng ba tsenela mogo yone.

Are ba metse ya Malwelwe, Segatsi, Monwane le e mengwe bane ba kopa ithutela foo le bone mme ba amogelwa.

O tlhalositse gore Kgosi Ngaka Makgowe yoo neng a tlholega kwa kgotleng ya Goo Moiphisi kwa Letlhakeng ene ele motho yoa neng a rotloetsa thuto ya mtse wa Mantshwabisi thata.

Erile 1974 sekolo seo sene sa tsewa ke Puso mme ya tlisa morutabana wa ntha yoo yoo rutetsweng go ruta yo aneng a bidiwa Mme Therego mme yare ka 1976 ga agiwa boloko jwa ntha jwa borutelo.

Are ene jaanong ka ane ale mogolo kefa aya mmaeneng morago ga go bala lekwalo la bone.

Rre Kodima are o itumelela gore sekolo seo goromente abo ase tlhabolotse mogo kalo abo a aga le dihosetele tsedi tsayang bana ba dikgaolo tsa tenyanateng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tlholego Nthaga

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 31 Mar 2015