Kgosi wa Tsokatshaa o a kgalema
31 Mar 2015
Kgosi Mathubae Mokgatla wa Tsokatshaa mo kgaolong potlana ya Tutume o supile fa bangwe batsadi mo motseng ba tsweletse ka go bipa ditiro tsa botlhokatsebe tse banana bangwe ba tsweletseng ka go inaakanyang le tsone.
Kgosi Mokgatla o buile jalo mo potsolotosng lbosheng. A re ditiro tsa botlhokatsebe mo motseng di tsweletse ka go golela pele ebile di diga seriti sa motse.
A re ditiro tse di akaretsa tiriso botlhaswa ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase mo tlhakanelo dikobo, go inyadisa, go ima kgapapetsakgapetsa ga banana, go tlhoka tlhompho mo bagolong le tse dingwe ka go farologana di tsaya phekelo e sele.
Kgosi Mokgatla a re se se amang ka tsone ditiro tse ke gore di diragala fa pele ga matlho a batsadi e bile gape di ama le bone baithuti ba sekolo se se potlana mme fela bangwe batsadi ba a di itlhokomolosa.
A re le ntswa ba botsogo ba dira maiteko a go ntsha dikgakololo tebang le bodiphatsa jwa tlhakanelo dikobo go sena itshireletso bogolo thata fa bobedi bo sa itse seemo sa mogare, go supa fa dikgakololo tse di sa tsewe ka tlhwaafalo ka jaana seemo bifela pele.
Kgosi o bile a supa fa dikgosana le baeteledipele bangwe ba motse le bone ba dira maiteko a go kgalema fela maiteko a a busetswa morago ke bangwe batsadi.
A re bangwe batsadi fa ba begelwa ka seemo se, ba ntsha mafoko a e seng one, a a supang fa ba rata e bile ba rotloetsa seemo se.
Kgosi Mokgatla o supile gape fa bangwe batsadi ba na le seabe ka jaana ba tlogedisa bana dithuto ba ba rulaganyetsa manyalo a a seng ka fa molaong, a tlatsa gape ka go supa fa bangwe ba itse gore bana ba bone ba dirisiwa botlhatswa mme ba nne fela ba bipa molato o ba gabile dipoelo mo ditirong tse.
Go sa le foo kgosi o bile a supa fa tiriso ya bojalwa le yone e tshwenya.
A re morago fa go sena go itshielwa go nna tlhakatlhakano mme ditiro tsa botlhokatsebe di golele pele.
Mo go tse dingwe Kgosi Mokgatla o boletse fa bangwe banana ba tsweletse ka go tlhorontsha kwa merakeng ka go utswa leruo, a re le fa banana bao ba otlhaiwa ba boa ba dira molato o gape. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : TSOKATSHAA
Event : Potsolotso
Date : 31 Mar 2015






