VDC ya Mambo ya ikgaratlhela
31 Mar 2015
E re ka jaana gotwe mokodue go thuisiwa yo o itsosang, mo maitekong a go leka go ipelega, komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mambo mo kgaolong ya Bokone Botlha ba ne ba rulaganya mogwanto wa dikhilomethara tse supa, e le mosepele o o duelelwang gotswa Makaleng go ya Mambo.
Motshwaramadi a komiti eo, Mme Moshibi Mbuso o ne a tlhalosa fa maikaelelo a mosepele oo, o neng o tshwerwe kgwedi eno e le masome a mabedi le borobabobedi, e ne e le go kokoanya madi a a tla dirisiwang mo go tlhabololeng matlo a VDC a motse oo.
Mme Mbuso a re matlo a bone a VCD a mo seemong se se sa itumediseng ebile a setse a fetoga matlotla ka jaana go sena ope bogolo jang badirelapuso, yo o nang le keletso ya go nna mo go one.
A re maikaelelo a bone ke go tlhabolola matlo ao, a gokelwa motlakase le metsi gore a nne mo seemong se se ka itumedisang badirelapuso ba ba direlang mo motseng wa bone.
Fa a bua kwa bokhutlong jwa mosepele oo, Mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Biggie Butale yo neng e le ene motsamai yo mogolo wa mogwanto oo, o ne a rulela hutshe VDC ya Mambo ka mowa o ba o supileng wa go leka go ipelega.
A re e re ka jaana diVDC di le botlhokwa thata ka e le tsone motheo wa ditogamaano tsa ditlhabololo tsa metse, ka jalo ba VDC ya Mambo ba rurifaditse seo e bile se ba se dirileng se supile fa fa ba na le ponelopele e e ka thusang motse wa bone go gatela pele mo ditlhabololong.
Rre Butale o ne a ba gwetlha go tshegetsa mowa oo, wa go leka go tlhabolola motse wa bone mme o ne a ntshetsa VDC eo madi a a kanang ka P 2 000, mme madi a a neng a tswa mo dipampiring tse di neng filwe bangwe go di tsamaisa go kopa dithebenyana, gone go ne ga bonwa madi a a kanang ka P1 850 mme mo godimo ga moo, kgosi Obuile Mambo wa motse wa Mambo le mokhanselara wa kgaolwana ya Gulubane, Rre Dikitso Mandevu ba ne ba ntsha P500 mongwe le mongwe wa bone.
Mokhanselara Mandevu a re go a itumedisa go bona mowa wa boipelego o santse o tshela mo motseng wa Mambo, a re mo botshelong batho ba tshwanetse ba ipotsa potso ya gore ba tla direla eng motse wa bone gammogo le lefatshe la bone ka bophara, go na le go lebelela fela mo pusong.
A re go tlhabolola matlo ao, go mosola ka jaana go tla thusa badirelapuso ka boroko jo bo siameng mme seo se dire gore ba ntshe maduo a a nametsang mo tirong ya bone.
E ne e rile a amogela baeng mo kgotleng ya gagwe, Kgosi Mambo a rotloetsa mowa wa therisanyo le tshwaragano magareng ga banni ba motse wa Mambo, a re ke tsone tse di ka ba thusang go fitlhelela kwa maikemisetsong le ditoro tse ba eletsang di diragala mo motseng wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MAMBO
Event : Mogwanto
Date : 31 Mar 2015






