Breaking News

Batshu o akgolela badiri tiro e ntle

31 Mar 2015

Badiredi ba lephata la tsa pereko le selegae ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba kopilwe go tswelela ba dira tiro ya bone ka manontlhotlho.

Fa a buisa badiredi ba lephata leo mo bokopanong jo bo neng bo tshwaretswe kwa Masunga bosheng, tona wa lephata leo, Rre Edwin Batshu o ne a akgola badiredi go bo ba dira tiro ya bone ka botswapelo lentswa ba lebanwe ke dikgwetlho tse di farologaneng mo ditirong tsa bone, a re fela ba tshwanetse ba leka bojotlhe go bona gore dikgwetlho dingwe tse ba kopanang le tsone ba ka di rarabolola jang.

A re go bo go sena dingongorego dipe gotswa mo setshabeng mabapi le ka fa ba isang ditirelo ka teng, seo se supa gore ba dira sentle mo tirong ya bone, ka jalo o ne a ba gwetlha go tswelela ba dira tiro ya bone ba setse morago tsamaiso, a tlata ka gore ba tshwanetse ba itse fa ba bona dituelo tsa bone e le kantlha ya sechaba se ba se direlang, ka jalo go le botlhokwa gore ba thuse batho ka botswapelo, ba diragatsa tse di solofetsweng mo go bone.

O ne a bo a re mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse a itse boikarebelo jwa gagwe mo tirong le go ikemisetsa go emela dikgwetlho tse di mo tikologong ya gagwe, a re fela ba tshwanetse gape ba itse fa letlhoko le puso e nang le lone le se pharologanyo le le ka tswang le le kwa malwapeng a bone. 

Rre Batshu a re go tshegetsa mowa oo, wa go dira tiro ya bone ka tlhoafalo, go ka thusa le gone go godisa itsholelo ya lefatshe leno, a re mo godimo ga moo ba tshwanetse ba tsaya tsia botsogo jwa bone gore ba kgone go ntsha ga tshwene mo ditirong tsa bone.

Mo go tse dingwe, tona o tsweletse a gakolola bodiredi jwa lephata la gagwe ka tshenyetso sechaba, a re ba tshwanetse ba ila tshenyetso sechaba lebaibai e bile ba seka ba bo ba amega gope mo go yone ka e na le ditlamorago tse di sa siamang.

Tona Batshu o ne a re ga a eletse go bona ope wa bone a raelesegile mme a felela a tsene mo seemong seo, se e ka reng pheletsong a iphitlhele a kailakaila mo mebeleng a sena go kojwa mo tirong.

A re go amega mo ditiragalong tseo tsa tshenyetso sechaba, go ka ba diga le sone seriti sa bone tota.

Mo go la bone, badiredi ba ne ba itela mo go tona mapabi le dikgwetlho di le mmalwa tse di ba tshwenyang mo ditirong tsa bone, tse di akaretsa go tlhaela ga bodiredi le didirisiwa di tshwana dikoloi le tse dingwe fela jalo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego

Date : 31 Mar 2015