Dikgosi di a popaganya
31 Mar 2015
Kgosi Goareng Mosinyi wa Kalamare mo kgaolong ya Legare a re tiro ya dikgosi le dikgosana ke go tshwaraganya morafe le go etelela setshaba pele mo ditirong tsa boithaopo jaaka go phutha matimela le go bolotsa letsema le mepjhato go ya go rupa.
Kgosi Mosinyi o buile jalo bosheng kwa moletlong wa go itumelela go tlhongwa ga ga Rre Gaselemogwe Molefi mo setilong sa bogosi jwa Mookane.
A re ka ntlha ya tshwaragano, boipelego le tirisano mmogo ga dikgosi le merafe ya tsone, ke sone se lefatshe la Botswana le kgonneng go tswelela pele mo ditirong tsa ditlhabololo tse di neng di dirwa ka boithaopo jaaka go phutlhwa ga matimela, go tlhongwa ga mephato le go bolotswa ga letsema goya go lema masimo a masotla a dijo tsa one di neng di dirisiwa go tlhokomela setshaba ka dipaka tsa mauba.
Kgosi Mosinyi yo a neng a bua mo boemong jwa ga motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato kgosi Sediegeng Kgamane o boleletse banni ba Mookane gore lefa lefatshe leno le tsamaisiwa ka puso ya sepolotiki, gone Batswana ba tshwanetse go ipelafatsa ka magosi ka ele one a kopetseng lefatshe la Botswana itshireletso kwa Enyelane.
O kopile kgosi Molefi le morafe wa gagwe go dirisana mmogo go tsweledisa ditlhabololo tsa motse wa bone o go bolelwang o thibeletse kana o tlhomilwe ka ngwaga wa 1915 ka maikaelelo a go kgoreletsa batho basweu ba lefatshe la Africa Borwa go ikgagapelela lefatshe la ga Khama.
E rile kgosi Molefi a tswa la gagwe a tlhalosetsa batho ba ba neng ba tsene moletlo oo fa ititeile sehuba go direla morafe wa Mookane ka bokgabane le botswa pelo mo tirong ya gagwe ya bogosi ka ele bone ba mo supileng go ba etelela pele mo tirong eo.
Bangwe ba dibui mo metlong oo,o neng o thologetswe ke bagolo le banana ka dipalo tse dintsi ke kgosi Silas Keitumetse, Rre Brendon Bakwena le Rre Simon Matlho yo eleng malomaagwe ba ba neng ba mo kgotlhatsa go lwantsha borukuthi jo bo apesitseng motse wa Mookane jaaka bogodu jwa loruo, go thujwa ga dikgwebo, dipolaano le go ketekwa ga batho ke banana ba ba itshimileng diganana ntateng ya go iphitisa dino-tagi.
Banni ba Mookane ba ba neng ba itumetse thata ba dumelane mogopolo wa gore lelwapa lengwe le lengwe le ntshe lekgolo la dipula ele madi a tla dirisiwang go baakanyetsa moletlo wa go ipelela dingwaga tse di lekgolo motse wa bone o ntse o thibeletse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Moletlo wa go tlhoma kgosi
Date : 31 Mar 2015






