A bana ba kalwe
01 Apr 2015
Go bolelwa fa go kala ngwana kgwedi le kgwedi go le botlhokwa, ka jaana go ka lemotsha motsadi gore a ngwana o gola sentle kana nnyaa.
Mafoko a, a boletswe ke modiri wa kokelo ya Siga, Rre Nanogang Rankgathi, kwa letsatsing la botsogo bosheng. Rre Rankgathi o boletse fa ngwana a kalwa go fitlhela a nna dingwaga tse tlhano, mme ba tsibosa motsadi fa bokete jwa ngwana bo le kwa tlase thata kana bo le kwa godimo thata.
O boletse gape fa ka kgwedi ya Motsheganong le Ngwanatsele ba lebelela botsogo jwa ngwana thata, a supa fa ba a fa ngwana pilisi ya Vitamin A, ya Zinc le bopi jwa ORS jo bo emisetsang metsi a a latlhegileng ka nako ya letlhatso le letshololo.
Rre Rankgathi o boletse gape fa ba gakolola batsadi ka mekento e bana ba tshwanetseng go e tsaya, a bo a supa fa ngwana a simolola go phaka dijo tsabana fa a le dikgwedi di thataro, a supa fa e le yone nako e ba solofelang fa ngwana a simolola go jesiwa.
O boletse gore fa ngwana a le dikgwedi di lesome le borobabongwe ngwana a phakisiwa malutu, dinawa le mahura. O supile gape fa balwetse ba kgotholo e tona le bone ba phakisiwa dijo kwa kokelong le baimana ba ba rebotsweng ke ngaka.
Mooki Mme Lindah Ketlhwaafetse o ne a supa fa kokelo ya Siga, e ntsha ditirelo tsa dipilisi tsa diritibatsi, a supa fa ba ntsha ditirelo tseo ka Labobedi le Labone fela.
Mme Ketlhwaafetse o boletse fa ba simolotse go ntsha ditirelo tse ka ngwaga wa 2010, go fokotsa mosuke o o neng o le kwa sepatela.
O supile fa ba thusa balwetse ba le 503, bangwe ba bone e le bana ba ngwaga e nngwe go ya go tse di lesome. O supile fa balwetse ba le lesome le borobabongwe, ba nyeletse fela ba sa itse kwa ba leng teng, a tlhalosa fa go le botlhokwa gore molwetse a itsese ba bongaka fa a fuduga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Letsatsi la botsogo
Date : 01 Apr 2015






