Ngwao ga e rotloetse kgokgontsho le botlhokatsebe
31 Mar 2015
Kgosi-kgolo ya Batlokwa, Kgosi Puso, o kgadile batho ba ba sa itshwareng sentle ba bo ba ipata ka ngwao .
O buile seo ka letsatsi la segopotso sa kgokgontsho ya bong kwa Jwaneng bosheng. A re ngwao e a fetoga go lebilwe mabaka le diemo tse di leng teng ka nako eo.
O supile fa ngwao e tshwanang le seyantlo e fitilwe ke nako ka jaana malwetse le one a oketsegile. Kgosi Puso a re Batswana ba tshwanetse go tlhotlha dilo tse di siameng mo ngwaong ya bone mme ba di sale morago.
O ne a kgala manyalo a a pateletswang ntswa go bonala go sena lerato kwa tshimologong a re ke one a oketsang kgokgontsho. O ne gape a rotloetsa bo rre go tlotla basadi ba bone go fedisa kgokgontso.
Kgosi Puso o tlhalositse gore go fedisa kgokgontsho ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe go tsisa kagiso. Mongwe wa bagakoldi, Mme Ntombi Setshwaelo o ne a gakolola gore motho yo o kgokgontshitsweng o tshwanetse go batla bogakoldi jo bo ka mo sedilang maikutlo.
A re bontsi jwa bakgokgontshi ke batho ba ba iphitisang dino le ditagi mme ba nne botlhabetsi mo matshelong a ba ba tshelang nabo. Mme Setshwaelo o ne gape a rotloetsa gore baratani ba tshwanetse go tlotlana le go nna boikobo mo balekaneng ba bone. A re kgokgontsho e ka fenngwa fela ke lorato.
E ntse e le ko letsatsing leo go ne ga nna le thuto dipuisanyo e mo go yone bana-le-seabe ba neng ba abelana megopolo ka go fedisa kgokgontsho. Go ne ga senoga gore kgokgontsho e kgona go ama maikutlo a motho mo a ka felelang a lathegetswe ke tlhaloganyo.
Go tlhalositswe gape gore kgokgontsho e ama bana. Bomme ba ne ba kgalelwa go tsholola dikgetsi tsa kgokgontsho ko mapodising ka jaana go busetsa ntwa kgatlhanong le kgokgontsho ko morago.
Dipalo tsa ba sepodise di supile fa go bomme e le bone ba kgokgontshiwang thata mo toropong ya Jwaneng.
Mo dikgetsi tsa kgokgontsho tse di lekgolo le masome a matlhano,bomme ba le lekgolo le masome a mane le metso e mebedi ba kgokgontshitswe fa borre bone barobabobedi. Dipalo tseo gape di supa fa molato wa dikiteo o ile ko godimo ka go gatisitswe dikgetsi di le masome a supa le bongwe fa tsa kiteo e e bakang dikgobalo di le masome a mane le botlhano.
Mo go tsone dikgetsi tseo, bomme ba ferabongwe ba tshoseditswe matshelo, ba le lesome le bobedi ba betelelwa, fa ba le bane bone dithoto tsa bone di ne tsa senngwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebogang Baingapi
Location : JWANENG
Event : Segopotso sa kgokgontsho ya bong
Date : 31 Mar 2015






