Breaking News

Maiteko a go tlhabolola Xaxaba ga a tswe dipe

01 Apr 2015

Maiteko a Okavango Mokoro Community Trust (OKMCT) a go tlhabolola  Xaxaba a a retela ka motse oo o sa tlhomamisiwa go nna motse

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, leloko la OKMCT a tswa gone kwa motseng oo, Rre Titus Hatshe o boletse fa motse wa bone o sa tlhomamisiwa semmuso ka batho ba motse oo ba sa tshware makgolo a matlhano palo e e batlegang ke puso gore motse oo rurufadiwe e le motse.

Rre Hatshe a re le fa go ntse jalo, motse wa bone o tswa goo lowe o le teng ebile o na le batho ba ba fetang palo eo mme fela ba setse ba ile le lefatshe go batla ditiro, dikolo le ditlamelo.

A re jaaka motse wa bone o le fa gare ga makgobokgobo a Okavango, ga ba letlelelwe go ka aga dikago dipe tsa se nneela ruri. Hatshe a re seo ke matlhotlhapelo jaaka ba ka seke ba age dikago tse di ka ba tswelang mosola jaaka kokelo le sekolo.

O boletse fa OKMCT e kile ya leka go aga matlwana a borutelo, kokelwana le go agela bao ba tlhokileng lesego matlo a le mane mme ga pala.

A re motse oo o leng dikihilomethara di le masome a supa le botlhano go tswa mo Maun o le setlhakatlhake seo se rayang gore go dirisiwa dikepe go ya tleng tse di tsayang lobaka le le ka lekanang dioura di le tlharo, kgotsa go ka dirisiwa difofane fela.

O boletse fa dikoloi di goraga ka sewelo morago ga dingwaga fa noka ya Okavango e kgadile mo go feteletseng.

Hatshe a re batho ba kgaolo ya bone ba nna fela ba sena baoki, a re batla ga ngwefela mo kgweding ebile ba dirisa ntlwana e esa lebegeng. 

A re jaaka go sena sekolo mo motseng oo, bana ba motse ba tsena sekolo kwa Maun, Hatshe a re bontsi jwa bana bao ba felela ba tswa mo sekolong ka ba nna ba le nosi ba sena tlhokomelo kwa Maun.

A re bangwe ba bana ba hirisetswa matlo fela ka batsadi ba bone ba sena metse kgotsa masika mo Maun. A re dipalo tsa bana ba ba tlogelang sekolo di tshwenya fela thata.

O boletse fa OKMCT e thusa ka dipalamo go isa bana dikolong fa dikolo di bula kana di tswalwa. A re ngwaga le ngwaga OKMCT e isa bana ba le batlhano go ya go ithuta ditiro tsa diatla segolo jang tsa bojanala jaaka motse wa bone e le wa bojanala. 

A re ba dirisa madi a a lekanang P25 000 go isa bana ba dikolong. Fa godimo ga moo a re ba ba thusa ka sepalamo go ya dikolong tsa bone tsatsi le letsatsi.

Hatshe o boletse fa motse oo o na le batho ba ka lekanang makgolo a mararo e bile ba itshetsa ka bajanala ba ba tlang mo motseng wa bone go tla go reka ditlatlana le go palama mekoro.

O boletse fa motse wa Xaxaba o dikaganyeditswe ke dikampa tsa bojanala di le tlhano tse mo go tsone tse pedi eleng tsone tse di nang le seabe mo go tlhapeng banni ba motse fela.

A re bone ga ba itse mananeo a puso mme ba itse la ipelegeng fela ka e le lone le le teng fela mo motseng wa bone. A re ke ka moo OKMCT e tsereng kgato ya go leka go tlhabolola matshelo a banni ba motse ka go dira manaeo a tshwanang la dikgwebo tse di potlana e mo go lone banni ba le babedi ba fiwang P10 00 ngwaga le ngwaga go simolola dikgwebo tse ba di ratang.

A re lenaneo le lengwe ke la madi a mosepele a go fiwang banni P500 fa ban a le seemo sa potlako se se tlhokang madi. O boletse fa banni botlhe ba motse oo ba kwadisitswe mo Kagiso Funeral Insurance e le go leka go thusa mo dintshong.

O feleledise ka go kopa puso go ka lega go sekaseka seemo sa bone gore le bone battle ba akole botshelo fela jaaka Motswana mongwe le mongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Atomic Thaba

Location : GUMARE

Event : Potsolotso

Date : 01 Apr 2015