Kavari o itshetsa ka go rua
31 Mar 2015
Kgalagadi ke nngwe ya dikgaolo tsa Botswana tse di atlegileng thata mo go tsa thuo ya leruo. Banni ba kgaolo e le bone ga ba ipone tsapa ka go dirisa tshono e, ebile bontsi bo itshetsa ka go rua mme mongwe wa bone ke Mme Justinah Kavari wa motse wa Omaweneno.
Mo potsolotsong le ba lekalana la BOPA bosheng, Mme Kavari a re fela jaaka ngwana wa Motswana o goletse mo lelwapeng la temo-thuo. O tlhalositse fa a sale a simolola go disa leruo la batsadi ba gagwe nako ya fa a le mmotlana.
O supile fa a ne a rata go ya morakeng ka mafelo a beke mangwe le mangwe nako ya fa a tsena sekole.
E ne ya re ka ngwaga wa 2006 o ne a tlelwa ke mogopolo wa go batla go simolola se a ka itshetsang ka sone ene le bana ba gagwe. O ne a tsaya kgato a ya go ya go kopa thuso kwa go ba LIMID morago ga gore mongwe wa banni ba motse wa gagwe a mmolelele ka lenaneo le.
“Ka lesego kopo yame e ne ya atlega, e ne ya re morago ka fiwa dipodi di le masome a mararo, tse masome a mabedi le boferabongwe e le tse dinamagadi le e tona e le nngwe”, Kavari a tlhalosa.
O ne a tswelela a re se se dirileng gore a tlhophe kgwebo ya go rua dipodi ke gore thuo ya tsone ke yone fela e a e kgonang botoka ka gape podi e le seruiwa se se bonolo go ka se disa.
Kavari a re morago ga go fiwa dipodi o ne a go di agela lesaka go bapa le kwa a neng a di kopetse metsi teng.
Lebaka e le gore dipodi tsa gagwe di seka tsa tsamaya sekgala fa di ya go nosiwa. O supile fa e ne e le ene a di disang leruo la gagwe gape o ne a tsamaya le tsone kwa nageng ka gore o ne a batla gore di tlwaele bodulo jwa tsone jo bo ntsha. Le fa go ntse jalo a re e rile morago ya fa di sena go tlwaela o ne a kgona a di tlogele le bana ba gagwe fa a ya go di batlela melemo le dijo.
E ne ya re morago ga dingwaga di le mmalwa ke fa dipodi tsa gagwe di setse di oketsegile fela thata ka o ne a di fa tlhokomelo ya maemo a ntlha. Ka se ne ele sone fela se a neng a se dirisa go itshetsa a re ka o ne a setse o na le ntlo, o ne a rekisa dipodi tse dingwe gore a tle a kgone go gokelela ntlo ya gagwe motlakase.
O supile fa maikaelelo a gagwe a go intsha mo lehumeng a ne a atlega ka ebile gompieno o kgona rekela ba lelwapa la gagwe dijo, o duela metsi, o reka motlakase gape o duelela bana ba gagwe sekole.
A re le ntswa ngwaga wa 2013 go ne go le leuba, o ne a latlhegelwa ke dipodi di le dintsi mme a sala ka di le lesome le botlhano. Ka e le morui wa popota o ne a seka a kgobiwa marapo ke se, o ne a tlhokomela tse di setseng mme gompieno seemo se botoka e bile di a oketsega gape.
Mme Kavari a re tiro e ya go rua o e rutile bana ba gagwe gore le bone e re fa ba gola ba kgone go itshetsa ka thuo ka ebile fa le tlhokomelwa sentle le le bogadi bo gaufi. O supile fa go ruta bana dilo tse dingwe jaaka go rua go le molemo fela thata ka ebile go ka ba kgapha mo dilo tse di sa siamang jaaka go utswa.
O supile fa gompieno bogodu jwa leruo bo ile magoletsa mme se se diriwa ke gore bana ga ba rutiwe go ikgapha mo dilong tse dingwe jaaka bogodu. Morago bana ba felele ba tletse ka di kgolegelo ka nthate ya se.
O ne a re o gwetlha Batswana gore ba tseye thuo ya leruo ka tlhwaafalo ka e ka ba sologela molemo fela thata. O tsweletse a re gape barui ba nne ba rekisa leruo la bone fa ba bona le le lentsi thata gore ba tle ba kgone go itshetsa ka lone.
O kopile barui gore ba tlhokomele leruo la bone gape ba le disetse kwa ntle ga motse gore leruo le fokotsege mo motseng. O supile fa leruo le senya mo malwapeng e bile le kgona le go baka dikotsi.
O ne a tlhalosa fa a itumelela maiteko a puso a go ba ntsha mo leubeng ka ebile a ba thusa fela thata go tlhabolola matshelo a bone.
O ne a rotloetsa batho gore ba tseye mananeo a, ka tlhwaafalo ba seka ka tshamekisa lesego le ba le filweng. O tsweletse a rotloetsa Batswana gore ba seka ba tshaba go ya go kopa dithuso ka mananeo a, a diretswe bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepiso Tsietso
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 31 Mar 2015






