Breaking News

Lelefhile o akgola SHHA

31 Mar 2015

Lenaneo la Self Help Housing Agency (SHHA) le thusa Batswana gore ba se nelwe ke dipula le go bolawa ke serame ebile le itsa khumanego e e tseneletseng.

Mme Diraamang Kelefhile wa Draaihoek mo kgaolong ya Kgalagadi ke mongwe wa ba ba agileng matlo a bonno ke lenaneo leo.

A re o ne a sena kitso ya gore o ka aga jang ka a sa bereke gope e bile botshelo bo mo ketefalela ka a na le bana ba bontsi jwa bone bo sa direng.

A re dithebenyana tse a neng a di bona fa a berekile Ipelegeng di ne di lekana tsone dijonyana fela mme a tshaba go ikgolaganya le lenaneo le ka a ne a sena bokgoni jwa go duela madi a kgwedi le kgwedi.

A re mongwe wa bana ba gagwe o direla puso mme o leka bojotlhe ka dipatlisiso tsa lenaneo le mme a dira kopo e e neng ya amogelesega ka bofefo ka setlankana sa setsha sa gagwe se ne se le teng.

Mme Kelefhile o ne a akgola lenaneo leo a re puso e dirile o ne maitlamo a kutlwelobotlhoko a ngwaga wa 2016 ka gore le ntswa didirisiwa tsa kago di lopa tlhwatlhwa tse di kwa godimo lenaneo le le thusa fela thata ka gore dituelo tsa lone tsa kgwedi le kgwedi ga di kgapise sethito ka ngwana yo o a duela madi a a kanang ka P250 mo dingwageng tse di masome a mabedi go fitlhelela e nna madi a a dumalanyweng ebong P60 000.00.

O ne gape a re dituelo tse tsa madi a a kwa tlase di thusa thata ka lenaneo le ne le simolodisitswe e le la batho ba ba amogelang lemmenyana fela, ka jalo le fa motho a aga o kgona go dira se sengwe ka dithebe tse di salang fa a sena go duela lenaneo le mo kgweding.

O ne a supa fa mo lenaneong le selo se se tshwenyang e le tiego ya didirisiwa le letlhoko la baagi ba ba ikanyegang. A tlhalosa fa go ntlo ya gagwe e agilwe ke batho ba ba farologanyeng ba le babedi ba ba neng ba tlogela ba ise ba fetse mme wa boraro a e feleletsa.

A re o akgolela puso gore baagi ba bo ba duelelwa tiro e e dirilweng ka go sa nneng jalo ba ne ba kabo ba tsamaya jalo ba tsere madi a tiro e ba sa e dirang.

E ne ya go garela mafoko mme Kelefhile a re o rotloetsa banana go tsaya malebela ba dira maiteko ba agela batsadi ba bone ba ba iseng ba nne le bokgoni a re se se ka thusa le yone khansele tiro e ntsi ya go agela batho matlo a bonno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keiketlile Kelefhile

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 31 Mar 2015