Mananeo ga se polotiki - Kgosi
31 Mar 2015
Kgosi Keletlhobogile Baatlholeng wa Gweta mo kgaolong potlana ya Tutume o supile fa a sa jesiwe diwelang ke bangwe ba ba tsweletseng ka go ntsha mafoko a a kgobang ba bangwe marapo go ka ikopela dithuso tsa mananeo a puso a a farologaneng .
Kgosi Baatlholeng o buile jalo mo potsolotsong le BOPA, a re puso ya lefatshe leno e tsweletse ka go intsha setlhabelo go tla ka maano e bile e a tokafatsa ka maikaelelo a go thusa Batswana ba ba amilweng ke lehuma go ka itirela motswedi wa itshetso.
A re puso e dira ka gotlhe gore mananeo a itshetso ka go farolgana a a goroga mo Batswaneng lefatshe ka bophara ka jaana go na le maphata a a tsamaisang mananeo a e bile a a tlhokomela.
Le fa go ntse jalo kgosi o supa fa a santse a le bete se molwangwana go bona bangwe banni ba motse ba ba amiwang ke lehuma ba le bonya go ka batla kitso le gone go ikopela dithuso tsa mananeo.
Kgosi Baatlholeng a re mangwe mabaka a a ba rotloetsang gore ba ikgogele kwa morago go ka ikgolaganya le diofisi tse di maleba go itse ka mananeo le mosola wa one ke gone gore ba eteleditse kitso e e senang boleng kwa pele.
A re bangwe ba tsweletse ka go amanya mananeo a le merero ya polotiki. A tlatsa gape ka go supa fa bangwe ba tsweletse ka go ntsha kitso e e seng maleba ya gore mananeo a diga seriti e bile a dia nako.
Kgosi Baatlholeng a re go botlhokwa gore Batswana ba tlhaloganye fa mananeo a a puso a diretswe Batswana, go dirisiwa ditsompelo tsa puso gape ga a amane gope le merero ya polotiki kgotsa ga a tlhamiwa go lebilwe lepe legae la polotiki.
A re mangwe maikaelelo a mananeo ke go leka go aga seriti gape ke nngwe tsela ya go tsosolosa mowa wa boipelego go fokotsa gore bontsi jwa Batswana ba ikaege fela mo pusong ka sengwe le sengwe.
Ka jalo Kgosi Baatlholeng a re go botlhokwa gore Batswana ba seegele fa thoko dikakanyo le dikitso tsa boleng jo e seng jone jwa go amanya mananeo le polotiki mme ba tseye malebela go lemoga molemo o mananeo a ka o dirang.
Kgosi a re nako e gorogile ya gore Batswana ba atle dithuso tse puso e tsweletseng ka go di gorosa kwa go bone e bile ba di dirise mo go maleba go supa fa ba di amogela ka tsoo pedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 31 Mar 2015






