Breaking News

Di-tsa tlholego di a tshetsa

30 Mar 2015

Batswana ba gakolotswe go dirisa di-tsa tlholego tse di bonwang mo metseng ya bone go itshetsa le go itshimololela dikgwebo.

Mafoko a, a builwe ke Tona wa Lephata la Merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso, Rre Eric Molale kwa Otse mo kgaolong ya Legare fa a ne a buisa thutopuisano ya letsatsi le lengwe ya go rotloetsa banni go itshimololela dikgwebo le go ikopela mananeo a nyeletso lehuma.

Rre Molale a re Batswana ba tshwanetse go itse gore go itshimololela kgwebo ga go tlhoke madi a a tswang kwa pusong e le nosi mme go simolola fela ka tlhaloganyo ya motho. A re go dirisa dilo di tshwana le maungo a naga, boloko go fetlha magala kana sepe fela se se ka bonwang mo magaeng go ka tsisa ditlhabololo tse di ka ntshang batho mo lehumeng.

O ne a tlhalosa gore ditlhabololo ga se tsela kana dikago fela, mme le go nna le dikakanyo tse di bulegileng ke tlhabologo. O ne a ba kopa go ititaya sehuba gore e re le ntswa ba nna kwa dikgaolong tse di kgakala le ditlamelo ba seka ba tlhoka go itirela, ba bule dikgwebo tse ka tsone ba ka tlhamang ditiro ba bo ba tlhabolola le metse ya bone.

Rre Molale o kopile batsena thuto-puisano eo go ema ka dinao, a tlhalosa gore puso e phutholotse letsogo go bona gore e ka ba thusa jang gore ba kgone go itshetsa le go fokotsa lehuma le le aparetseng Batswana ba le bantsi.

O tlhalositse fa puso e na le mananeo a le mantsi a tshwana le a nyeletso lehuma, tokafatso thuto, nyeletso tshenyetso setshaba le la thibelo ya mogare wa HIV go tswa mo go mmangwana go ya kwa loseeng.

A re ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go ema ka dinao go bona gore ba tsaya mananeo a ka tlhoafalo gore a ba solegela mosola. O ne gape a tlhalosa gore fa puso e ntsha pego ya kabo ya madi, maphata ka bontsi a akola madi a, ke ka moo Batswana ba tswanetseng go ema ka dinao go dirisa madi a ka tlhoafalo le ka matsetseleko gore a tle a ba busetse.

Rre Molale a re puso e batla go tlhama ditiro tsa sennelaruri, ke ka moo e dirileng gore Batswana botlhe gongwe le gongwe kwa ba leng teng ba akole mananeo a gore ba inonotshe ba tswe mo lehumeng.

Ka jalo tona o ne a kopa badirelapuso mo lefatsheng ka bophara go bona gore ba isa mananeo kwa bathong. A re gore Batswana ba itse ka mananeo a ba tshwanetse go rutwa mo go tseneletseng mme ke gone ba ka bonang mosola wa one.

Rre Molale o ne gape a ba rotloetsa go dirisa le one mananeo a temo-thuo a tshwana le la LIMID le ISPAAD. A re temo-thuo e na le maduo a a bonalang, ke ka moo puso e boneng go le mosola go ntsha mananeo a temo-thuo a tshwana le go aba dipeo le menontshane le go lemela batho ka ditselana.

Fa a tswa la gagwe, mothusa tona mo lephateng la merero ya tsa ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Philip Makgalemele yo gape e leng mopalamente wa kgaolo, o ne a lebogela tona go bo a tsile mo kgaolong ya bone mme a tlhalosa fa le bone ba iteka fela thata.

Rre Makgalemele a re mo kgaolong ya gagwe go na le bagwebi ba banana le bagolo, ka jalo ba dira ka gotlhe go bona gore ba a ba tlhatlhelela gore ba tswelele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : Otse

Event : Thuto puisano

Date : 30 Mar 2015