Ba kopa BMC go atolosa theko
30 Mar 2015
Makhanselara a Bokone Bophirima a kopile puso go sekaseka go atolosa matlhabelo a Botswana Meat Commission (BMC) gore a kgone go reka dikgomo mo kgaolong ka jaana leuba le setse le kokota.
Ba ikuetse jalo mo go motshwarelela mothusa tona wa temo thuo, Rre Fidelis Molao o o neng a ba lekodisa ka seemo sa bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo tlhagogileng bosheng kwa kgaolwaneng ya Kareng.
Ba re seemo se ngomola pelo ka jaana morafe o aperwe ke lehuma le ntswa ba ruele dikgomo tse di ntsi mme di sa ba sologele molemo. Ba re seemo se ne se ka tokafala thata fa matlhabelo a ne a ka oketsa palo e e tlhabiwang ka jaana ya gompieno e sa dire pharologanyo e e kalo fa go lebile wbokete jwa dikgomo mo kgaolong.
Makhanselara mangwe ba e re lentswa bolwetse jwa tlhako le molemo e le sekgoreletsi se setona ba ne ba ka itumela fa puso e ne e ka leka ka bojotlhe go thusa barui ka mmaraka gore bogolo ba fokotse dikgomo.
Ba re e re ka mafelo mangwe a ise a amiwe ke bolwetse ka nako epe go sekasekwe gore matlhabelo a reke dikgomo kwa go one.
Ba kopile gape gore BMC e rekele dikgomo kwa megotlheng go hema dikgwetlho tse barui ba kopanang natso jaaka go swag a dikgomo epel di goroga le gone go senyega ga dipalamo tse di isang dikgomo.
Mokhanselara Rre Vapaune Moreti a re banni ba Ngamiland ba ntse pelo telele thata bas a rekise mme jaanong seemo se bifela pele ka jaana go sa supagale fa bolwetse bo tla fenngwa.
A re e re le ntswa maiteko a go kenta dikgomo a dirwa seo ga se ntshe maduo ape ka jaana dikgomo di saila fela di ipatlela metsi ka ntlha ya gore didiba di wetse mme barui gab a kgone go baaknya ka ntlha ya letlhoko la madi.
Mokhanselara, Rre Duncan Enga le ene o ne a otlela seo a kopa gore matlhabelo a fiwe a waiver go rekisetsa mafatshe a a mabapi bogolo jang a a amilweng le tlhako le molomo.
A re leuba le shenne meno mo kgaolong e bile dikgomo di tla fela ka ntlha ya tlala le lenyora.
E ne ya re a tswa la gagwe, mothusa tona Rre Fidelis Molao a tlhalosa fa puso e se setlhogo ka e kgathala ka Batswana.
A re kgang ya tlhako le molomo e tshwenya puso thata ka e bile e tshela madi madi go bo lwantsha.
O boletse fa puso esekaseka gore a matlhabelo a Francistown a ka seke a tlhabe dikgomo tsa Ngamiland ba lebeletse gone gore ke kagolo e e humileng dikgomo tse dintsi.
A re matlhabelo a Maun le one a dirile maiteko go oketsa dikgomo tse di tlhabiwang mo letsatsing go tswa mo go 100 go ya kwa go 120.
A re fa dilo di ka tsamaya sentle palo eo etla okediwa gape go nna 180 fa dipaakayo tsa go tlhabolola madirelo di weditswe.
Rre Molao a re puso e tla tswelela e sekaseka gore a mmaraka o ka seke o atolosediwe kwa mafelong a mangwe. Fa a itebaganya le tlhako le molomo o kopile makhanselara go ruta banni ba dikgaolo tsa bone go obamel dikgakololo tsa puso a re ka Tshwaragano ruri bolwetse bo ka fenngwa.
Are seemo segakadiwa ke barui bangwe ba bas a kenteng leruo la bone lotlhe le bao ba ba sa diseng ka jaana seo se roltoetsa motsamao.
A re gompieno puso e tsere tshwetso gore matlhabelo a Maun a reke dikgomo mo Zone 2a, b le bontla bongwe jwa zone 2c le 2d.
Rre Molao a re seo ke maiteko e bile go supega fa puso e tshwenyega ka seemo se se apereng kgaolo ya Ngamiland. Fa a akgela ka kgang ya leuba o dumalane le makhanselara gore seemo se maswe mme a supa fa lekoko le rometswe go tla go dira ditshekatsheko.
A re tautona ke ene fela anang le dithata tsa go bolotsa leuba le gone gotla ka mananeo a a ka fokotsang manokonoko a lone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Tekodiso ka seemo sa tlhako le molomo
Date : 30 Mar 2015






