Makhanselara a kopela barutabana tlhokomelo
30 Mar 2015
Makhanselara a borwa a kopile puso gore e rekegele dilelo tsa barutabana bogolo jang tse di akaretsang letlhoko la boroko, dikokeletso tsa madi le go tsholetswa maemo gore maduo mo dikoleng a tokafale.
Ba buile jalo mo phuthegong ya khansele ya borwa e e tsweletseng fa ba akgela mo puong ya modulasetilo wa khansele Rre Mephato Reatile. Makhanselara ka go farologana a buile thata ka go palelwa ga bana ba bolela fa barutabana ba ruta ba sa itumela ka jalo ba bo ba jsa rute bana sentle.
Ba boletse fa go santse go na le barutabana ba ba santseng ba nna mmogo mo ntlong e le nngwe le ba ba nyetseng tota. Ba boletse fa bontsi jwa matlo a borutelo a onetse ga mmogo le ditilo le ditafole tsa teng mo go kgoreletsang bana go dira sentle.
Ba buile gape ka tlhaelo ya melemo mo dikokelwaneng le dikokelo mo go sokodisang balwetse gore ba reke boturu mo dikhemisiting mme ba bangwe ba swe senku fela ba bota bota ko dikokelong.
Bangwe ba kopile gore dikokelwana tsa bone di godisiwe di nne dikokelo di na le bodiredi.
Makhanselara ba buile fa tlhaelo ya metsi mo Kanye e dirwa ke go dutla ga diphaephe le go tshologa ga diraseboi tsedi sa tlhokomelweng ke lephata la Water Utilities. Ba boletse fa tlhaelo ya metsi e ba apesitse kobo ka letshoba.
Ba kopile gore didiba tsedi kgotlelesegileng di sa dirisiwe ke tsone di ka gokelelwang batho go dirisa metsi a teng go aga le go nosetsa ditshingwana go na le go dirisa metsi a a nowang a a phepa
Ba galaleditse lenaneo la Ipelegeng ba kopa gore dipalo di okediwe ka le solegela batho molemo mo go inamoleng lehuma le go hokotsa tlhaelo ya ditiro.
Ba ngongoregile ka bomaswe ja ditsela mo kgaolong ya borwa tse ba boletseng fa di senya dikoloi tsa khansele go di itsa go isa ditirelo ko batswaneng.
Ba boletse fa go lebega leuba le tla le shenne meno monogwaga ba tsile go jela mo kgobedung. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 30 Mar 2015






