Ba rwala masigo ka tlhogo
30 Mar 2015
E re ka Motswana a dumela fa nonyane ya motsogapele e ja seboko se se nonneng, banni bangwe ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume ba ne ba rwala masigo ka tlhogo fa go thapiwa badiri ba Ipelegeng kwa kgotleng eo ya Magapatona.
Mo potsolotsong bosheng, Mme Shandulani Obateng a re gore a kgone go thapiwa go bereka kgwedi ya Mopitlo o ne a tsogile ka nako ya masigo a kgaogana (nako ya lesome le bobedi bosigogare).
A re go tsogeng bosigo e ne e le go tshwara mola gore fa ba bangwe ba ya go tla ba fitlhele a le wa ntlha. Mme Obateng o ile a tlhalosa fa go mo tsaya diuora tse pedi go goroga kwa kgotleng eo, mme ka maswabi o ile a fitlhela gona le mongwe yo o tseleng pele ga gagwe ebile ene a tsile ka kobo.
O tsweletse a bolela fa go ralala sekgwa masigo ao gone go le diphatsa gape le lefelo leo la kgotla go le diphatsa ka go sena modisadikago mme ka go ne gona le sengwe se se neng se mo gwetlha o ne a ralala mogogoro wa moriti wa loso a tshepile mo modimong.
A re le fa ntswa bogogi jwa motes bone bo ntse bo tlhagisa batho go tlogela go tsamaya masigo,go ne go le thata ka mongwe le mongwe o ne a batla go nna palo ya ntlha e e tla thapiwa ka jalo mongwe le mongwe o tsoga a na le kgwetlho ya gore ken ne mo palong e e batlega ka gape yo ne e le nnye e sa lekane batho ba kgotla eo ka ba le palo e ntsi.
A re gape go tsaya nako go thapiwa mo lenaneo leo la Ipelegeng ka batho ka bontsi re lebele lone ka kwa masimo dijalo di sule tsotlhe.
Mme Obateng o ile a tlhalosa fa go eme ka bone ba ba digela tiro mo kgweding eno ka go lala kwa kgotleng,a supa fa batho ba kgonne go amogela dikgakololo tsa bogogi jwa motse ebile go phakela mo go ntse go dirwa go eme ka bone.A re gape se se neng se utlwisa botlhoko khiro e ne simolola ka nako ya borobabongwe kana lesome phakela wena o letse letse o tsile bosigo.
Kgosi Mpilo Magapatona wa kgotla ya Magapatona a re o ntse a sa itse ka dikgang tsa batho ba ba lalang fa kgotleng ba letletse go thapiwa.A re ba nna ba gakolola batho ka bodiphatsa jwa go tsoga masigo a gatelela ka gore mo malatsing a gompieno lefatshe le shene meno go tsamaya masigo ke go tsenya botshelo mo diphatseng.
Kgang ya go rwala masigo ga se ya ba Magapatona fela fa BOPA e etetse ofisi ya lephata la mesepele le Ipabalelo tseleng,Mme Gofenyane Tlhalefang o boletse fa a tsogile ka nako ya bobedi bosigo go ya go tshwara mmila gore a tle a kgone go ikopela go kwala matshwao.
Mme Tlhalefang a re mo pampiring e go kwalwang maina o ne a le wa masome a matlhano le boraro se se supa go na le palo e ntsi e tlile pele ga gagwe mme ene a gorogile ka nako ya boraro.A re mathata ke gore go tsewa palo e e riling ka jalo mongwe le mongwe o batla go bona sebaka seo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 30 Mar 2015






