Breaking News

Malwetse a tlhakanelo dikobo a tlhoka go potlakelwa

30 Mar 2015

Malwetse a tlhakanelo dikobo a tlhoka go potlakelwa a ise a jwelelele, gore a seka a ama masea a a iseng a tsholwe.

Mafoko a, a boletswe ke mooki wa kokelo ya Siga kwa Ramotswa mme Jane Ramanoko kwa letsatsing la botsogo bosheng.

Mme Ramanko o tlhalositse fa malwetse a dikobo a tshwana le a dikakana tse di fitlhelwang mo bosading kana mo bonneng a tshelanwa, mme a tsena motho fa a kopanetse dikobo le yo o nang le bolwetse joo a sa itshireletsa.

O boletse fa dikai tsa bolwetse joo di itshupa morago ga kgwedi go ya kwa go tse di robang bobedi, mme bo itshupa ka go utlwa dikarolo tseo di chachama, go hisa kana motho a duwa ke dikakana mme di se botlhoko.

O tlhalositse gape gore fa mme a na le bolwetse jwa dikakana, a bo a ima a sa thusiwa ngwana wa gagwe a ya go tsholwa a na le mogare wa tsone.

O boletse gape fa bolwetse jo bongwe, motho a ka tswa sesonyana mo bonneng kana mo basading, mme fa a sa potlakele go se alafa, diso tseo di a ntsifala di bo di tshweretlha.

Le bone bolwetse joo bo itshupa morago ga kgwedi go ya kwa go robang bobedi, a bo a supa fa mogare wa bolwetse jo e le wa sennnelaruri, mme go le botlhokwa gore molwetse a itlhaganele kwa bookelong bolwetse bo ise bo nne maswe.

Mme Ramanoko o tlhalositse fa bolwetse jo bongwe jwa tlhakanelo dikobo e le jwa go tswa metsi a mantsi a masetlha mo bosading kana mo bonneng, fela jaaka a mangwe le bone bo tlhoka go potlakelwa.

Mooki yo mongwe mme Kelebogile Mchacha, o ne a supa fa bolwetse jwa kgotlholo e tona le bone bo tshwenya, mme bo kgona go alafesega fa molwetse a tsaya kalafi sentle.

Mme Machacha o boletse fa dikai tsa bolwetse jwa TB e le go gotlhola lebaka la go feta dibeke tse pedi le mogote o o feteletseng bosigo.

O boletse fa go le botlhokwa gore molwetse fa a gotlhola a ithibe molomo go itsa go e anamisa, a bule matlhabaphefo a ntlo le a koloi go letla phefo e e kwa ntle go tsena le gone go se kgwele segotlhola gongwe le gongwe. Mooki o tlhalositse gape fa molwetse a tshwarwa ka bolwetse jo, a tlhatlhobelwa mogare wa HIV, fa a fitlhelwa a na le one a tsenngwa mo diritibatsing gone foo.

O boletse gore mabaka a go dira jalo e le gore mogare HIV o koafatsa masole a mmele, ka jalo go le botlhokwa go o alafa gore masole a mmele a tsholetsege, a tle a kgone go iphemela mo malwetseng a mangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Letsatsi la botsogo

Date : 30 Mar 2015