Breaking News

Monana o ipelafatsa ka lenaneo

30 Mar 2015

Go lebega maiteko a puso a go tsibogela go thusa banni ba metse e e kgakala le ditlamelo a tswa tema ka jaana banni bangwe ba metse eo ba gatetse pele mo go inaakanyeng le mananeo a puso a a farologanyeng go tokafatsa matshelo a bone.

Monana mongwe wa Khekhenye kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Mme Gabaeletswe Kgope o boletse fa a ne a netefatsa gore ga a salele morago mo go ikopeleng lengwe la mananeo a puso go ka itirela sengwe sa itshetso gore le ene a kgone go oba letsogo ntle le go ikaega ka batho ba bangwe.

Mme Kgope o supile fa e ne ya morago ga go utlwalela fa puso e boloditse letsholo go tlhatlhosa matshelo a batho ba metse e e kgakala le ditlamelo a ikgolaganya le ba ofisi ya boipelego go ikopela lenaneo la nyeletso lehuma ka a ne a sa bereke gope.

Monana yoo, wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi o ne a tlhalosa fa a ne a fiwa semausu le madi a a ka tshwarwang P5 000 go itshimololela kgwebo ya thekiso ya dijo.

A re go simolola kgwebo ya gagwe ngwaga o o fetileng e ne ya nna tshimologo ya botshelo jwa gagwe jo bo botoka.

A re se se mo itumedisang ka kgwebo ya gagwe ke gore e bogadi bo gaufi, a kaya fa e dira sentle fela thata ka jaana go sena madirelo a dijo a mantsi mo motseng wa Khekhenye mme ka jalo go sena phadisanyo e e masetla. 

A re o lemogile fa go rekisa dijo di tshwana le mashi le sukiri go ka mmerekela ka di tlhokwa thata ke bareki.

A re ka a kgona go bona dipoelo tse di botoka o boloka madi mangwe kwa posong kgwedi le kgwedi,ebile o ikaeletse gore mo isagong a ye go tsaya bontlha bongwe jwa madi a forome ditema mme a kgone go ikagela ntlo e e leng ya gagwe.

Mme Kgope a re ntswa a santse a lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka sepalamo go ya go reka dijo kwa Molepolole,seo ga se mo kgobe marapo ka jaana a dira kgwebo e ka maikemisetso a go batla go tokafatsa botshelo jwa gagwe le ba lelwapa la gagwe.

O rotloeditse banni ba metse e e kgakala le ditlamelo go nwa moro mananeo a puso le thuso epe fela e e tswang mo dikomponeng ka go somarela se ba se abetsweng gore ba tokafatse matshelo a bone le gone go itlhotlhora lehuma,a kaya puso e tshwere phage ka mangana go leka go tokafatsa matshelo a Batswana.

O ne a gakolola botlhe ba ba setseng ba abetswe dithuso tsa puso go tlhaloganya fa go sena sepe se se leng bonolo mo botshelong,mme ba tswelele ka go supa makarabelo le go loga maano a go tokafatsa dikgwebo tsa bone gore di gole. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 30 Mar 2015