Breaking News

Maele o galaletsa lephata la matimela

30 Mar 2015

Tona wa Ditsha le Matlo, Rre Prince Maele o galaleditse babereki ba lephata la matimela mo kgaolong ya legare go bo ba le seopo sengwe ebile ba sa ipone tsapa ka tirisanyo mmogo e ba e dirang ya go fa ba ba senang bonno seriti sa bonno.

Tona Maele o ne a bua jalo kwa Goo-tau mo Tswapong bokone kwa a neng a abela Mme Tshegofatso Monnawatlala ntlo e a e agetsweng ke ba lephata la Matimela ba kgaolo ya legare ka Matlhatso (March 28).

Rre Maele a re babereki ba lephata la Matimela ba supile fa ba tshela tebelopele ya setshaba ya 2016 ka ba ne ba bona go tshwanela gore ba abele Mme Monnawatlala ntlo ba bo ba abela ba ba neng ba dira ka natla dimpho tse di farologaneng. 

A re go supafala fa ba nopotse matshego a le mabedi e leng letshego la tshaba e e kutlwelobotlhoko, e e siameng ebile e tlhokomela batho botlhe le la tshaba e e tswelelang, e e itirelang ebile e fetola dilo.

Rre Maele o ne a bolela fa marudi a ntlo ya ga Mme Monnawatlala a le mo go ene ka jalo ga go a solofelwa gore mongwe a ka mo kgopakgopetsa mo go yone mme go tshwanetse ga seka ga nna le dipuo tse di maswe ka a e agetswe. 

O ne a rotloetsa babereki ba lephata la Matimela go tswelela ba abela ba ba gaisitseng dimpho ka e le gone mo go ka dirang gore ba ntshe maduo ebile ba bopagane.

Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Palapye Rre Koti Molefhi o ne a supa fa kgaolo ya legare e na le dikhansele di le supa ka jalo bodiredi jwa lephata la Matimela go tswa mo dikhanseleng tseo bo ne jwa ipopa ba simolola tiro ya go agela ba ba senang bonno matlo.

A re tiro e ya go agela batlhoki matlo e ne ya simolola kwa kgaolong ya Mahalapye kwa go neng ga agelwa motlhoki ntlo kwa motseng wa Taupye, mme ga latela kgaolo ya Boteti le gone ga agelwa motlhoki mongwe ntlo.

A re go ne ga latela kgaolo ya Tonota kwa go neng ga agelwa motlhoki ntlo kwa motseng wa Gojwane. 

Rre Molefhi o tsweletse a re matlo otlhe a a setseng a abilwe le yone ya ga Mme Monnawatlala a ne a ntshediwa madi a bo a agiwa ke bodiredi jwa lephata la matimela ba ba neng ba ithaopa ntleng le dituelo dipe.

O ne supa fa ba setse ba itemogetse fa bangwe ba ba abelwang matlo ba felela ba sa kgone go nna sentle mo go one ka ba kgobiwa ka dipuo ke ba ba tshelang le bone mo metseng ya bone. 

A re bangwe ba felela ba bolelela ba ba agetsweng matlo gore le bone ba na le tshwanelo ya matlo a a agilweng ao. O ne a ikuela mo botsading jwa motse go kgothatsa ba ba agetsweng matlo ntleng le go ba kgopisa.

Rre Molefhi o ne a re bodiredi ga bo a tshwanela go nna bodiredi fela mme bo tshwanetse go nna le boikarabelo mo setshabeng se bo tshelang le sone.

Modulasetilo wa khansele ya legare Rre Peter Williams o ne a rotloetsa dikhansele tse dingwe go tsaya malebela mo khanseleng ya legare. O ne a rotloetsa banni ba metse go seke ba leba bana ba bone kana bodiredi bo direla ba ba tlhokileng fela mme le bone ba tshwanelwa ke go ipopa ditlhopha mme ba thuse ba ba tshelang le bone mo motseng.

Dietsele tse di neng tsa abelwa bangwe ba badiredi ba lephata la Matimela di akaretsa seetsele sa lesaka le le gaisitseng mme khansele potlana ya Tutume e ne ya tsaya maemo a ntlha ka lesaka le le kwa Nata le bitswa Marulamantsi.

Maemo a bobedi a ne a tsewa ke masaka a Mmatshepe le Motshegaletau kwa khanseleng potlana ya Serowe.

Dietsele tse dingwe di ne tsa newa baeteledipele ba badisa ba ba neng ba dira ka natla le badisa ba ba neng ba ithaopela go aga ntlo ya ga Mme Monnawakgotla. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : GOO-TAU

Event : Kabo-ntlo

Date : 30 Mar 2015