Bolwetse jwa tlhaloganyo bo ama boitsholo
30 Mar 2015
Go bolelwa fa bolwetse jwa tlhaloganyo e le seemo se se amang botsogo le boitsholo.
Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa botsogo kwa kokelong ya Siga Rre Oarabile Thabiwa, kwa letsatsing la botsogo kwa Ramotswa bosheng.
O tlhalositse fa molwetse wa tlhaloganyo a ka lemogiwa ka go dira dilo tse di sa tlwaelesegang, jaaka go bua le go itshwara ka mo go sa tlwaelesegang, a supa fa nako nngwe molwetse wa tlhaloganyo a kgona go ikgapela botshelo.
O tlhalositse fa dilo tse dingwe tse di amang tlhaloganyo e le tiriso ya ditagi le bojalwa phetelela le malwetse a kankere, madi a matona le mogare wa HIV kana go latlhegelwa ke mongwe yo o tshelang le ene.
Mooki o boletse gore setshaba se tshwanetse go thusanya le go lemoga gore motho o na le dikai tse di sa tlwaelesegang, mme fa go kgonagala ba mo ise kokelong, mme fa ba sa kgone ba mmiletse ba bongaka. Mooki yo mongwe mme Magdeline Malefo, o ne a supa fa tiro ya bone e le go tlhokomela balwetse kwa malwapeng.
O tlhalositse fa ba thusa balwetse ka diatlana, metseto, dikolotsana tsa balwetse le dithobane tse di tsamayang.O boletse fa puso e kgona go ba thusa go rekela dijo tsa balwetse tse ba di baang kwa ofising ya Home Base Care le go di apeela balwetse fa di le teng.
Mme Malefo o boletse fa ba na le kgwetlho ya go tlhola balwetse kwa malwapeng ka ntlha ya go tlhoka dipalamo.
Fa a ntsha la gagwe moithaopi wa Home Base Mme Ipeleng Matsake, o ne a tlhalosa fa a sale a ithaopela go oka balwetse kwa malwapeng ka ngwaga wa 1999, mme kgwetlho e a itemogetseng e le gore ga ba amogelwe ke batho botlhe.
Mme Matsake o tlhalositse fa balwetse bangwe ba kgona go tlhola ba le nosi mo malwapeng, ka ntlha ya gore ba lelwapa ba bereka botlhe. O tlhalositse gore fa balwetse ba kgobokanye golo go le gongwefela, ba tlhola ba tlotla mme se se ba dire gore ba seka ba jewa ke bodutu le gone go gatelelwa ke ditlhabi.
O tlhalositse fa gompieno ba sena dijo tse ba di apeelang balwetse, a bo a kopa gore bao ba batlang balwetse ba bone ba okelwa kwa Home Base Care, ba ba kwadise pele kwa kokelong.O kopile batsadi gore ba se tswalele balwetse mo matlong, a supa fa go oka go le botlhoko, mme fa ba ba thusana go nna botoka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Letsatsi la botsogo
Date : 30 Mar 2015






