Rotary Club e abela ba-na-le bogole
29 Mar 2015
Mme Ketnie Aristide wa mokgatlho wa Rotary Club kwa Selebi Phikwe o abetse ba-na-le bogole ba le supa dikolotsana ka thuso ya moithaopi go tswa kwa Amerika yoo direlang kwa kokelong ya Sefophe.
Go ya ka mogolwane yo o itebagantseng le thuso ya dikolotsana tsa ba-na-le bogole go tswa kwa Selebi Phikwe Rotary Club, Rre Godfrey Zwingai, ga se la ntlha ba abela banni ba Sefhophe mme ebile ba sa itebaganyaga le go aba dikolotsana tsa ba-na-le bogole fela ba thusa le mo ditirong tsa morafe.
Rre Zwingai o tlhalositse gore ba kgona jalo ka go kopa dithuso lefatshe ka bophara gore ba tle go abela ba ba tlhokang thuso, le fa go ntse jalo o ne a supa matshwenyego a tlhalosa gore go kgoba marapo go bona ba ba tshwanetseng go abelwa ba sa tla go amogela dimpho tsa bone.
E rile a akgela mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Thatayaone Tsotso Segona a re go molemo go bona batho ba tsweletse ka go lemoga botlhoki jwa batho ba ba tshelang nabo, a tlhalosa gore matshego a tebelopele ya setshaba a tshwanetse go diragadiwa e seng gore a bo a buiwa fela ka molomo.
Rre Segona o tlhalositse gore ba Selebi Phikwe Rotary Club ba thibile phatlha e e ntseng e bulegile mme a rotloetsa morafe wa motse wa Sefhophe go tla ka mabaka a ba ka thusang ba-na-le bogole ka teng gore le bone ba kgone go ikamogela.
Rre Segona o tlhalositse gore dikolotsana tse di abetsweng ba-na-le bogole di tlaa ba thusa go dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi jaaka go ikisa bongakeng le go tlhola ba masika.
O ne a tswelela ka go tlhalosa gore motse wa Sefophe o segofaditswe ka mongwe wa baithaopi go tswa kwa Lefatsheng la Amerika a re o setse a dirile go le gontsi mme a sena lebaka le le leele a le mo motseng, a rotloetsa banana ba motse go tsaa malebela mo go Mme Ketnie yoo itsegang ka leina la ga Dimpho a tlhalosa gore ba ka anya go le gontsi mo go ene.
Rre Segona o kopile batsadi le masika a batho ba ba abetsweng dikolotsana go di tlhokomela, a tlhalosa gore go na le bangwe ba ba di dirisang go senyetsa batho ka tsone ba itira jaaka o kare ke ba-na-le bogole.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Kabo dimpho
Date : 29 Mar 2015






