Molaodi wa Kgalagadi o akgola badiri
29 Mar 2015
Badiri ba ofisi ya ga molaodi mo Kgalagadi ba rotloeditswe go tswelela ba dira ka botswerere mo ditirong tsa bone tse di farologanyeng ka seo se ka ba kgontsha go ntsha maduo a a itumedisang boeteledipele jwa bone le setshaba kakaretso.
Mafoko a a builwe ke molaodi wa Kgalagadi, Rre Moemedi Letina, bosheng mo Tsabong mo moletlong wa kabo dietsele tsa badiri ba ba dirileng ka botswerere mo ngwageng wa madi wa 2014/2015 mo ofising ya ga molaodi mo Kgalagadi.
Molaodi o ne a supa fa e le boeteledipele jwa lephata leo ba ne ba bona go le botlhokwa gore ba simolodise kabo dietsele eo morago ga dikgwedi tse tharo mo ngwageng e le tsela nngwe ya go akgola le go kgothatsa badiri mo ditirong tsa bone ka go ba abela ditlankana.
A re le ntswa ofisi ya gagwe e tlhaelelwa ke didirsiwa seo ga se reye gore badiri ba adime tshwene marapo ka go tlhoka go dira tiro ya puso ka fa go tshwanetseng ka teng. Molaodi o kaile fa go dira ka natla ga badiri bao go tlotlomaditse le ofisi ya gagwe ka e le yone thotobolo e e leng yone palamente ya kgaolo.
Rre Letina o supile fa badiri bangwe mo ofising ya gagwe ba dirile go le gontsi bogolo jang ka ngwaga o o fetileng e ne e le ngwaga wa ditlhopho tsa setshaba tsa 2014, mme a ba akgola go bo ba dirile go kgatlhisa le gore ditlhopho tseo di tsamaile sentle ka go sa nna le dingongorego dipe tse ba di amogetseng go tswa mo setshabeng.
Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo mothusa molaodi go tswa Hukuntsi e bile e le mongwe wa ba ba amogetseng ditlankana tsa go dira ka bonatla Rre Bigboy Mangwa o ne a tlhalosa fa e le go leboga badiri ba ba neng ba ititaya ka thupana mo go tlhomamiseng gore setshaba se itumelela se ba se dirang le boeteledipele.
O ne a kopa ba ba sa neelwang gore ba seka ba kgobega marapo mme a ba kgothatsa go dira ka natla gore le bone ba tle ba abelwe dietsele mo nakong e e tlang.
Fa a leboga mongwe wa badiri mo ofising ya ga molaodi Mme Julia Nyambe ebile e le mongwe wa ba ba lesome le borataro ba ba amogetseng dietsele o ne a akgola boteledipele ba ba dirileng gore go nnne le kabo dimpho a kaya fa seo se tlaa gwetlha mongwe le mongwe go tsenya marapo dinameng ka go ntsha maduo a a itumedisang. Mme Nyambe o ne a kaya fa dikgele tsa ditlankana di le botlhokwa go gaisa le one madi tota ka e le tsa sennela ruri. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Kabo dietsele
Date : 29 Mar 2015






