Breaking News

Kgosi wa Botlhapatlou o kopa mothusi

29 Mar 2015

Kgosi Domkrag Omphithetse wa Botlhapatlou a re go tlhoka mothusi mo kgotleng ya gagwe go dira gore ditiro tsa bogosi di kgwelegane ka jaana di sa lekana go dirwa ke motho a le mongwe.

E rile mo potsolotsong bosheng, Kgosi Omphithetse o ne a tlhalosa fa mo dinakong tse dingwe a sa kgone go thusa setshaba sa gagwe ka botswapelo ka ntlha ya go imelwa ke tiro. A re go tlhoka mothusi go dira gore ere fa ale mo malatsing a boikhutso, setshaba se bo se tlhoka yo o se thusang, selo se a reng ke go sokodisa morafe.

A re mo dinakong tse dintsi go nna thata go ya malatsing a boikhutso ka jaana e tlaa bo e le moka a latlhileng, mme a re fa a ikuela ko go ba botsamaisi ba merero ya bogosi ba tlhalosa fa ditsheko tse a di tshwarang mo motsemg oo di sa lekana gore o ka nna le mothusa kgosi.

Kgosi Omphithetse o tlhalositse fa karabo e e sa nametse ka jaana ditiro tsa kgotla e se ditsheko fela. O ne gape a lela ka letlhoko la ofisi ya kgotla, a re dikamore tse pedi tse di dirisiwang e le ofisi di pitlagane ka a di kopanetse le babereki botlhe ba kgotla.

A re seemo seo se ba pateletsa go tlhatlagana le didirisiwa di tshwana melora e e phepafatsang ka go sena gope gape ko di ka bewang teng. A re mo makgethong a le mantsi o patelesega go tswela kwa ntle go letlelela badiri ba bangwe jaaka mapodise le bakwaledi go dira tiro ya bone. Kgosi Omphithetse o tlhalositse fa ba sa le ba solofediwa diofisi tsa kgotla pele ga ngwaga wa 2003 fa a tsena mo setilong, mme nako kgolo ke eno.

O ne gape a tlhalosa fa go tlhoka diofisi tseo, go dira gore ere ba tshwere magotswana ba tlhoke ko ba ba tshegetsang teng. A re mo nakong ya gompieno ba ba tshegetsa kwa metseng ya Ngware le Hatsalatladi, mme fa gongwe fa go sena koloi ba patelesega go ba tlogela ba tsamaya.

A re metse e mengwe jaana ya Diphuduhudu le Moshaweng e ba neng ba tswanetse go agelwa nako e le nngwe le bone e setse e na le diofisi. Mo go tse dingwe Kgosi Omphithetse o ne a lela ka tsela e e tswang kwa Hatsalatladi go ya Diphuduhudu, a re ke nako jaanong ya gore e tshelwe sekontere.

A re mo nakong ya gompieno ba sokola ka dipagangwa ka jaana go sena bo radipagangwa ba ba ka dumelang go tsisa dikhombi mo go yone. O ne gape a lela ka letlhoko la matlo a badirelapuso, a re ba ikantse a VDC a a senang motlakase, a bo a tlhalosa fa go na le selelo sa metsi mo motseng wa gagwe ka jaana ba kgona go nna dibeke ba sa nwe.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Omphithetse o ne a lebogela lenaneo la ipelegeng, a re le thusitse thata bogolo jang mo kgotleng ka jaana ba kgonne go aga lebotana.
BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 29 Mar 2015