Breaking News

Ratoropo wa Jwaneng o tlhagisa makhanselara

29 Mar 2015

Ratoropo wa Jwaneng, Rre Tsietsi Oodira-Kwenje, o tlhagisitse makhanselara gore go ikgogela morago mo dikomiting tsa khansele go ka nna le ditlamorago tse di sa siamang.

O buile se bosheng kwa Jwaneng mo phuthegong ya khansele morago ga gore makhanselara a phathi ya UDC kwa khanseleng eo a tlhalose fa a ithola maemo mo dikomiting tsotlhe mme ba sala ka ya bokopano jwa khansele fela.

A re khansele e ikaegile segolo bogolo ka dikomiti ka jalo makhanselara a tshwanetse go ela tlhoko ditlamorago tsa tshwetso ya bone gore ga e kgopise morafe. O ne a tlhalosa gore o itse ka kgang e e tsweletseng ya dipuisanyo tsa go ikgaoganya ka maemo magareng ga diphathi tse pedi ebong UDC le BDP.

A re seo ga se a tshwanela go kgoreletsa go isa ditirelo kwa setshabeng. O ne a ba gakolola gore tshwetso ya mofuta oo e batla mongwe le mongwe a ema a ipuelela go na le go soboka ba re ba tswa mo dikomiting ka leina la phathi.

Mokhanselara wa Mogale, Rre Ronicah Ntsimako o ne a tlhalosa gore ba tsere tshwetso jaaka makhanselara a UDC go tswa mo dikomiting tsa khansele, a supa ka monwana makhanselara a BDP a re a ikgagapelela maemo a boeteledipele ntswa ba le bannye ka dipalo mo khanseleng eo.

A re ga go maleba gore palo e nnye mo khanselelng e bo e gogela kobo ntlha e le nngwe ntswa phathi ya UDC e le yone e e ntsi mo khanseleng eo. O ne a tlhalosa fa ba ngala dikomiti tseo mme ba tlogelela BDP gore e di goge e le nosi.

Mokwaledi wa khansele Rre Dick Kalantle ene o ne a gakolola gore tshwetso ya go ithola maemo a dikomiti e dirwa ka tsamaiso ya go dira tshotiso e mo go yone e ka dumalanwang ke makhanselara a le marataro mo go a supa. O ne a tlhalosa gore makhanselara ao a mane ka jalo ga go kgonege gore ba ka dira tshutiso ya go nna jalo.

O ne a tswelela a gakolola gape gore molao o a letla gore komiti eo ya go dupiwa ga dibuka tsa khansele e ka tlhophiwa ko ntle mo setshabeng e seng mo khanseleng fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebogang Baingapi

Location : Jwaneng

Event : Phuthego

Date : 29 Mar 2015