Batsaya-karolo ba rapelela tsela
29 Mar 2015
Mapodisi a a direlang mo kgaolong ya Good Hope-Mabule, baruti, maloko a dikereke ka go farologana le badirelapuso, e ne ya re mo bekeng e, ba phuthaganela fa makopanelong a ditsela tsa Good Hope, Ramatlabama le Pitsane go rapelela tsela eo.
E re jaaka malatsi a paseka a atumetse, e bile tiriso ya ditsela e tlaa bo e tsholetsega mo malatsing a, boeteledipele jwa kgaolo bo ne jwa bona go le botlhokwa go lebisa matlho le tumelo ya bone kwa Modimong go kopa tshireletsego le pabalesego jaaka ba tsaya mesepele go leba kwa mafelong a a farologaneng.
Ba ne gape ba dirisa nako e, le gone go rapelela kgaolo ya bone gore dikotsi tsa tsela ya kgaolo ya bone di fokotsege ga mmogo le jone borukutlhi jo bo apesitseng banni ba kgaolo eo, kobo ka letshoba. Dibui ka go farologana kwa thapelong eo, ba ne ba supa fa ba tshwentswe bogolo jang ke dikotsi tsa tsela e e tswang Lobatse go ya Ramatlabama, ga mmogo le borukutlhi jo bo dirwang bogolo jang ke banana ba gantsi o fitlhelang ba itshietse bojalwa.
Fa a supa matshwenyego a bone e le ba sepodise, mogolwane yo o okametseng sepodise mo kgaolong ya botlhaba jwa Botswana Rre Stephen Majaha o ne a gakolola botlhe gore pele ga ba tsaya ditshwetso tsa go dira borukutlhi, ba akanye pele gore fa e ne e le bone ba dirwa jalo, ba ka bo ba tseega jang. O ne gape a kopa bakgweetsi go emisa go nwa bojalwa ba bo ba kgweetsa, a tlatsa ka gore koloi le bojalwa ke disela mmapa.
O ne bogolo thata a gakolola ba ba tla bong ba hirisitse dikoloi tsa mosepele o mo leele, gore ba fe bakgweetsi ba bone nako ya go ikhutsa, a tlatsa ka gore bogolo ba hire bakgweetsi ba feta bongwe.
A re se se ka kgona gore ba thusane go tila go otsela motho a kgweetsa mo go felelang go baka dikotsi tsa tsela.
Rre Majaha o supile fa dikotsi tsa tsela, Botswana jotlhe di nnile 411 mo ngwageng wa 2013, mme tsa nna 377 ka 2014 a tlatsa ka gore mo ngwageng ono di setse di le 86.
Fa a supa dipalo tsa borukutlhi le dikotsi tsa kgaolo eo mogolwane wa Sepodise wa kgaolo ya Good Hope - Mabule Rre Tshegofatso Mokumakwa o ne a supa matshwenyego a dipalo tsa borukutlhi le dikotsi tse di diragalang thata mo motseng wa Pitsane.
O ne a supa gape fa bontsi ja borukutlhi bo dirwa mo matlong a beng ba one ba agileng ba bo ba ya go nna kwa ditoropong kwa ba direlang teng. Fa a bala dipalo, Rre Mokumakwa o boletse fa dipego tsa go thuba mo matlong di nnile 32 ka ngwaga otlhe wa 2014 mme mo nakong eno go simolola ka January di setse di le 6.
Fa a supa dikotsi tsa dikoloi, o ne a bolela fa mo ngawgeng o o fetileng otlhe, dikotsi di nnile 44 mme gompieno ba setse ba kwadisitse di le lesome. O ne a supa fa mo dikotsing di le lesome tse ba setseng ba di kwadisitse, go setse go tlhokafetse batho ba le babedi mo go tsone.
Kwa tirelong eo, baruti ka go farologana, ba ne ba ema ka dinao go rapelela kgaolo ga mmogo le gone go kgothatsa botlhe b a ba neng ba tseneletse thapelo go tswelela ba rapela, go nna le tumelo le tshepho ya gore Modimo o tla babalela bao ba ba tsayang mosepele o mo leele ka malatsi a paseka.
Ba ne gape ba kgaogana le batho lefoko la Modimo go leka go kgalema ditiro tsa borukutlhi le go nwa bojalwa, ga mmogo le go dirisa ditagi, ba supa fa e le tsone di oketsang mathata.Fa a ntsha mafoko a malebo kwa bofelong jwa tiro, Kgosi Lotlaamoreng o ne a supa matshwenyego a dikotsi mo kgaolong, mme a akgola botlhe ba ba nnileng le seabe mo merapelong eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Pitsane
Event : Thapelo
Date : 29 Mar 2015






