Bomme ba tshwanetse go rutwa ka kgokgontsho
29 Mar 2015
Mogakolodi le mokaedi mo dikgannyeng tse di amang banana, Mme Gogontlejang Phaladi o boletse fa bomme ba le botlhokwa ebile go le botlhokwa gore ba rutwe ka dikgang tsa kgokgontsho.
Mme Phaladi o boletse seo mo letsatsing la mafatshefatshe la go ipelela bomme kwa Mochudi jaaka a ne a laleditswe go buisanya le bomme ba banana, a re go seka ga lebalwa botlhokwa le boleng jwa ngwana wa mosetsana ka bo sa lekane le tsone ditswang mmung.
O tlhalositse fa bana ba basetsana ba kopana le dikgwetlho tse dintsi fa ba gola ka ba kgona go thopiwa le go thubetswa ba ile dikoleng, a re bana ba basetsana ba tsaya malebela kwa lapeng mo batsading ba bone mme ba tshwanetse go godisiwa ka tekatekano le go rutiwa ka kgokgontsho.
O boletse fa dipatlisiso tse di dirilweng di supa gore bomme ba ba kgokgontshiwang mo maratong ba godisitswe mo malwapeng a go senang borre, mme le fa ba kgokgontshiwa mo maratong a ba leng mo go one ba tseela gore ke lone lorato ba a ratiwa.
A re go tshwanetse go lemogiwe gore bomme le bone ba ka tsaya ditshwetso tse di nonofileng go isa Botswana pele, a tlatsa ka gore basetsana ba tshwanetse go rutiwa ba sa le kwa tlase go lesa go okisiwa ke borre ba ba tona ka dimonamone le diunits gore ba ba dirise botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo.
Mme Phaladi o boletse fa go le botlhokwa gore go nne le tekatekano ya bong, a re dikgwetlho tse di leng teng go supa fa mo go bomme ba le bararo a le mongwe mo go bone a amiwa ke kgokgontsho.
O tlhalositse fa boimana jwa basetsana ba dingwaga tse di kwa tlase bo golelela kwa godimo mme ba dirisiwa ke borre ba batona. Fa a gakolola bomme Mogakolodi Mme Motlhagodi Molomo, o boletse fa Botswana a tshwanetse go ipela ka bomme, a re le fa baebele e buwa gore bomme ke bathusi kwa lapeng ga go tewe gotwe ba kgokgontshiwe.
Mme Molomo o gakolotse basetsana go tlotla le go reetsa dikgakololo tsa batsadi ba bone, a re bomme ba tshwanetse go ruta basetsana go tshela le batho gore ba agege ba sale ba botlana go kgona go tila masula otlhe a botshelo. O rotloeditse bomme go emela mananeo a puso ka dinao gore itsholelo ya bone e tsholetsege, a re go molemo gore malwapa a bopagane ebile lore lo ojwa lo sale metsi.
Go tswa kwa Stepping Stones Rre Salani Gambule o boletse fa ba thusa maphata ka go farologana ka dikgang tsa bong le kgokgontsho mme ba butse dipati go thusa Batswana botlhe le go fa dikgakololo.
Go tswa kwa Sisonke Mme Tosh Legoreng o boletse fa ba itebagantse le dikgang tsa bomme ba ba gwebang ka mmele, a re bomme bao ba kopana le dikgwetlho le go kgokgontshiwa ke batho, a tlatsa ka gore bomme ba go nna jalo go le gantsi ga ba kgone go bona dithuso kwa dikokelong ka ntlha ya kgethololo e ba kopanang le yone.
Fa a tswa la gagwe Mme Masego Bareki go tswa kwa Paternal and Maternal Wellness Club, o tlhalositse fa ba itebagantse le go fokotsa dintsho tse di nnang di bakega ka nako ya pelegi ebile ba tlhatlhelela bomme ba baimana ka tsa itshidilo mmele ka nako ya pelegi le morago ga pelegi.
Mme Bareki a re ba neela bomme dikgakololo gore ba ka itlhokomela jang le gone go ba ruta ka tsa itshireletso le go iphemela fa ba kopana le dikgang tsa kgokgontsho. Kgosi Samuel Mosweu o tlhalositse fa borre ba kgokgontshiwa mme ba le ditlhong go ikuela, a re go le gantsi borre ba a tshegwa fa ba bega gore ba kgokgontshiwa ke bomme. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Letshelaphala
Location : Mochudi
Event : Tsatsi la bomme
Date : 29 Mar 2015






