Sekole sa Mantshwabisi se itsetela adimo
29 Mar 2015
Mogokgo wa sekole sa Mantshwabisi mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Mme Kesetsenao Bojase o supile fa ba tlaa ititaya ka thupana go ntsha maduo a a botoka monongwaga.
O buile se kwa bokopanong jwa bogogi jwa sekole le jwa motse go rerisanya ka tirisano mmogo le sekole seo se tlaa tsenang mo go yone le ba Mazala Foundation.
Mme Bojase o supile fa sekole seo se bopilwe ka bana ba ba tswang kwa metseng e e kgakala le ditlamelo. O supa fa go le botlhokwa gore thuto ya bana e tshwaraganelwe ke batsaya-karolo botlhe.
Mogolwane wa mokgatlho wa Mazala Foundation, Rre Baiketsi Mazala, o supile fa ba tlaa dirisanya le sekole sa Mantshwabisi ka go rotloetsa moletlo wa kabo dimpho le go thusa ka didirisiwa tsa thuto.
O tlhalositse fa moono wa mokgatlho wa bone e le go rotloetsa thuto go tswa kwa moding. O kaile fa ba batla go betla banana go nna baeteledipele ba kamoso. Mongwe wa ba mokgatlho oo, Mme Gaone Mazala o supile fa ba ne ba gwetlhilwe ke go bona seemo sa thuto kwa sekoleng seo se ngomola pelo. O supile fa go bona sekole seo mo dikgannyeng tsa Btv ka Ngwanatsele ngogola go ne ga ba tlama gore ba thuse.
O ne a supa fa nako eo ba ne ba se mokgatlho mme ba dira mokgatlho wa Mazala morago ga gore fa ba kopa dithuso go bo go twe ba kwadise mokgatlho wa bone gore ba thusiwe sentle. O ne gape a supa fa mokgatlho oo o tlaa rolwa semmuso kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome mabedi le bongwe kwa sekoleng sa Mantshwabisi se e tlaa nnang sone sa ntlha go thusiwa ke mokgatlho oo.
Kgosi Dikaelo Tsiane o ne a lebogela gobo ba Mazala Foundation ba ne ba bona go le botlhokwa go tshwaraganela thuto ya bana le sekole sa motse wa gagwe. O ne a supa gape fa a solofela fa maduo a tlaa tokafala ka sekole se tlhaelelwa ke didirisiwa tse dintsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Senkokame Dibeko
Location : Letlhakeng
Event : Bokopano
Date : 29 Mar 2015






