Bomme ba kopiwa go itlhatlhoba go sale gale
29 Mar 2015
Go bolelwa fa go le botlhokwa gore mme yo o imileng a itlhatlhobele mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS kgwedi ya ntlha a sena go lemoga gore o imile, gore fa a na le mogare a tsenngwe mo lenaneong la thibelo ya mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng.
Mafoko a, a boletswe ke mooki wa kokelo ya Siga kwa Ramotswa, Mme Lindah Ketlhwaafetse, Mopitlo a tlhola malatsi a le masome mabedi le borataro, jaaka fa ba ne ba ruta balwetse ka ditirelo tse ba di ba neelang.
Mme Ketlhwaafetse o ne a kopa borre go ema bomme nokeng ka nako ya boimana, gore ba tseye kalafi e e tlhokafalang le gone gore ba tle ba tshole ngwana yo o itekanetseng. O tlhalositse fa bomme ba baimana ba sa ba sokodise go itlhatlhobela mogare, a bo a tlhalosa fa kgwetlho e le baimana ba ba ikwadisitseng ba setse ba na le dikgwedi tse di robang bobedi.
Mme o boletse gape fa ba tlhatlhobela moimana mogare la bobedi fa a na le dikgwedi tse di robang bobedi, go tlhola gore ga a amega fa dikgwedi di ntse di tsweletse, a tlhalosa fa mme yo o senang mogare a tswelela a fiwa ditlamelo tse dingwe tsa boimana. O tlhalositse fa mme yo o amilweng ke mogare a fiwa dipilisi tsa diritibatsi go fitlhela a belega, mme a ka amusa ngwana dikgwedi tse thataro.
O boletse fa ngwana a tlhatlhobelwa mogare ka kgwedi ya gagwe ya ntlha le ya borataro, a supa fa bana ba ba tsholwang ke bomme ba ba nwang dipilisi tsa diritibatsi sentle ba tsholwa ba sena one. Rre Goabaone Abram wa Botswana Christian AIDS Intervention Programme (BOCAIP), o ne a tlhalosa fa ba tlhatlhobela mogare wa HIV kwa Emmanuel Councilling Centre, a supa fa ba rotloetsa bao ba ba tshabang mela e meleele kwa dikokelong go tla kwa go bone.
O tlhalositse fa ba rotloetsa bakapelo go itlhatlhoba mmogo, a supa fa ba sidila maikutlo pele ga tlhatlhobo, a bo a supa fa bakapelo ba sa tshephane ka ba sa batle go itlhatlhoba mmogo. Rre Abram a re ba supegetsa batho ba ba amilweng ke mogare kwa thuso e leng teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Ramotswa
Event : Thutuntsho
Date : 29 Mar 2015






