Breaking News

Sekolo sa Semane se a ipela

29 Mar 2015

E ne ya re Mopitlo a tlhola malatsi a le masome a mabedi le botlhano sekolo se segolwane sa Semane kwa Serowe sa ipelela maduo a lekwalo la boraro a ngwaga o o fetileng.

Fa a bua mo moletlong o o neng o dirilwe kwa sekolong seo go abela bana ba ba dirileng sentle dimpho mogokgo wa sekolo seo Mme Keosaletse Baruti a re ba na le dingwaga tse tlhano ba ntse ba tsaa maemo a ntlha mo Serowe, go simologa ka ngwaga wa 2012 go fitlha 2014 ka jalo ba ne ba bona go tshwanela gore ba ipelele seo.

A re e rile a goroga ka ngwaga wa 2012 a fitlhela sekolo se ntse se dira bontle mme le ene a tla ka maikaelelo a gore o tla dira ka botlalo gore se tswelele se ntsha maduo a a nametsang.

Mme Baruti o tsweletse ka go re sekolo se fentse ka maduo a masome a supa le bobedi mo lekgolong (72 per cent) ka 2012, masome a marataro le mobedi mo lekgolong (62 per cent) ka 2013 sa wela tlase ka masome a matlhano le bone mo lekgolong (54.3 per cent) ngwaga o o fetileng mme se ntse se le mo maemong a ntlha ka se se dirilwe ke gore maduo otlhe a ile a wela tlase lefatshe leno lotlhe.

O ne a bolela fa go na le popagano fa gare ga barutabana mme seo se dira gore ba seka ba imelwa ke tiro e bile ba kgone ba fitlhelele maitlamo a bone a e leng maduo a mantle mo baithuting.

Mme Baruti a re ba kgothatsa baithuti go bereka ka natla mo dithutong tsa bone e bile fa ba sa tle sekolong go sena mabaka ba ba latele kwa malapeng go ya go utlwa gore mathata e ka tswa e le eng mme ba ba tsise sekolong.

O ne a rotloetsa baithuti ba ba neng ba diretswe moletlo gore ba tswelele ka go ntsha maduo a mantle ka go bo ba ba tlang kwa morago ba tshwanetse go gata mo dikgatong tsa bone. Mme Baruti a re o tshwenngwa ke gore batsadi ga ba a tshwaraganela bana le bone ke ba se kae fela ba ba dirisanang le bone mme a re seo ga se ba kgobe marapo mo thutong.

E rile a tswa la gagwe Moruti Billy Chanda wa kereke ya Bible Life Ministries mo Serowe a re thuto ke yone konokono mo setshabeng ka go nne fa o sena thuto ga o na go tlhaloganya dilo tse di ntsi mo botshelong

A re ga gona jaaka thuto e ka nna teng go sa badiwe ka jalo o rotloetsa baithuti go bala ka ke gone fela ba ka kgonang go ntsha maduo a a nametsang e bile a re gore motho a ntshe maduo a mantle o tshwanetse go lebelela batho ba ba ko pele ga gagwe gore ba fitlheletse maikaelelo a bone jang mme e nne bone sekai mo botshelong jwa gagwe.

O buile gore mo botshelong o tshwanetse go nna le boitshwaro jo bo siameng le go tokafatsa mekgwa ya gago fa e le gore ke e e seng yone gore o tle o kgone o nne sekao mo go ba bangwe le go fitlhelela maitlamo a gago.

Rre Chanda a re batsadi ba tshwanetse go kgothatsa bana gore ba nne le maikaelelo a a tsepameng le gore ba tseye thuto ka tlhwaafalo. Fa a leboga, modulasetilo wa komiti ya maduo e bile e le morutabana kwa sekolong seo Rre Benny Phiri a re ntswa ba nnile le kgwetlho ya madi ba ne ba dira ka thata gore moletlo o kgone o nne teng.

O kopile batsadi go ba ema nokeng ka go nne bana ke ba bone botlhe ka jalo ba tshwanetse gore ba ba thusane. Rre Phiri o lebogetse botlhe ba ba neng ba tsile mo moletlong wa bone gore ba bo ba kgonne go tla go ipela le bone a re seo se a itumedisa e bile se supa tirisano mmogo mo setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Connie Marage

Location : Serowe

Event : Moletlo

Date : 29 Mar 2015