Breaking News

Mapodise a mo patlong

26 Mar 2015

Mapodise a Bobonong a mo patlong ya batho ba le babedi ba ba saleng ba nyeletse ngwaga ono o simologa.

Mo potsolotsong bosheng le mogolwane wa sepodise sa Bobonong, Rre Paul Seoko o tlhalositse fa Rre Peter David yo o dingwaga tse di masome mararo le bosupa yo o tlholegang kwa Molalatau a sale a nyeletse ka Tlhakole.

Rre Seoko o tlhalositse fa Rre David a sale a bonwa la bofelo a le mo tseleng a tswa morakeng wa ga gabo wa Semadeane a tsamaela ntlheng ya Mathathane.

A re Rre David o ne a apere hempe ya kaki e e cheke e le mabogo makhutshwane, borokgwe jo boleele bo le bomosweu le botala jwa letlhare ga mmogo le ditlhako tsa diteki tse di mmala o o lephutshe.

Rre Seoko o supile fa Rre David e le molwetse wa tlhaloganyo.

E re dikgang di eme jalo Rre Seoko o tlhalositse fa gape ba le mo patlong ya mosetsana yo o dingwaga tse di lesome le botlhano yo o saleng a nyeletse ka Hirikgong.

Rre Seoko o tlhalositse fa mosetsana yoo, yo o bidiwang Nametsegang Kgotso, yo o tlholegang mo kgotleng ya Sebaela mo Bobonong a kile a bonwa fa pele ga marekisetso a Choppies a na le borre bangwe ba go sa itseweng maina a bone.

O tlhalositse fa Nametsegang e le moithuti kwa sekoleng se segolwane sa Mosetlha kwa Bobonong. O tlhalositse fa Nametsegang e le mosetsana yo o dithupa tsa maretlwa.

Rre Seoko o kopile Setshaba go ikopanya le ba sepodise fa ba ka bona kana ba utlwa ka ga Nametsegang le Rre David kana ba leletse mapodise a Bobonong mo mogaleng wa 2619222. Gape ba ka leletsa mogale wa 999. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : BOBONONG

Event : Potsolotso

Date : 26 Mar 2015