Tokong o itshetsa ka tee ya motlopi
26 Mar 2015
Mme Tshepo Tokong wa Kokong mo kgaolong ya Borwa, yo o itshetsang ka go dira tee ka modi wa motlopi, a re tee eo e aga malwapa.
Mme Tokong o buile jalo mo potsolotsong ka letsatsi la bagwebi mo Kanye bosheng. A re o thusitswe ke puso ka lenaneo la nyeletso lehuma go itlhamela kgwebo eo.
A re o lemogile fa bangwe badirisi ba tee eo ba ba supileng fa e rile pele ga ba e dirisa ba bo ba tshelela mo letsapeng ba sa kgone go dira dilo ka bontsi, mme jaanong ba le matlhagatlhaga, selo se ar eng se thusitse go aga malwapa a a neng a setse a thubega.
Mme Tokong a re tee eo e fokotsa letsapa le le feteletseng e bile e thusa go repisa mala a a omeletseng. O tlhalositse fa tee eo o ka e loka ka sukiri le mashi fela jaaka nngwe le nngwe kgotsa wa e dira ka metsi a a molelo fela. BOPA
Source : BOPA
Author : Topo Monngakgotla
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 26 Mar 2015






