Breaking News

Dirisang matshwao go latedisa leruo

26 Mar 2015

Makhanselara a khansele ya Borwa a kopile puso go simolola go dirisa matshwao a a fitlhelwang mo leruong le le timetseng go latedisa beng ba lone ka jaana mong o a bo a ikwadisitse ka fa molaong gore a kgone go fiwa letshwao.

Ba buile jalo mo phuthegong ee tsweletseng ya Khansele eo mo Kanye maabane ba akgela mo tekodisong ka Mothusa tona ya lephata la Dikgaolo le Tlhabololo ya Magae Mme Botlogile Tshireletso.

Mme Tshireletso one a beile pele khansele eo molao kakanyetso wa matimela mme a kopa Makhanselara maikutlo go bopa molao oo.

Bare fa morui a sena go ikkwadisa puso e abo e nale kitso ka botlalo gore mong wa tshipi o ka bonwa kae.

Erile a ntsha la gagwe Mokhanselara wa kgotla yoo Ruele mo Kanye Rre Ben Lebogang are ofisi ya matimela ka jalo e tshwanetse go leletsa mong wa letshwao go tla go tsaya seruiwa sa gagwe fa se timetse gonale ka fa go diragalang ka teng gompieno.

Rre Lebogang a tlatsa ka gore dikhansele di senya madimadi di tlhokomela matimela mme gongwe beng ba one ba sa itse kwa ba ka batlelang teng, are go dira jalo go ka ba ga fokoletsa dikhansele merwalo ka bangwe ba ka felela ba itlhaganelela go tsaya leruo la bone.

Mokhanselara wa Moshupa Mme Ponatshego Tshiping le ene a tlhalosa fa go leletsa barui go ka fokolotsa puso ditshenyegelo.

Are maiteko otlhe a tshwanetse go dirwa go kopana le morui go mo kopa go tla go tsaya seruiwa sa gagwe. Rre Mosimanegape Tshane ene one a kopa gore morui a letlelelwe go golola seruiwa sa gagwe fa aka tshokana a se fitlhela ka letsatsi la thekiso ya matimela pele ga se rekisiwa.

Bontsi jwa Makhanselara gape bane ba dumalana gore matimela a tswelele a ntse a tshegeditswe ke dikhansele.

Rre Mosekisi Rangobana ene o supile fa matimela a sa tlhokomelesege sentle mo dikhanseleng mo o ebileng o fitlhela a bopame mme a felele a rekiwa ka madi aa kwa tlase selo se a reng se a kokonela.

O tlhalositse fa gole botlhokwa gore badisa ba matimela ba direlwe melawana ee faphegileng ya tiro eo gore ba kgone go fudisa leruo ba sa le kgaupetse. Are mo nakong ya gompieno ba felela ba tlhatlhela matimela go sale motshegare ba lebile nako ya go chaisa.

Legale Rre Eric Chelenyane ene o kopile gore puso e ithole marapo a go tlhokomela matimela e e fe bagwebi ba ba ikemetseng ka jaana go a e imela.

Are go dira jalo go ka direla dikhansele madi ka jaana matimela a tlaa tlhokomelesega mme a dire dipoelo ka nako ya thekiso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Topo Monngakgotla

Location : KANYE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 26 Mar 2015