Kereke ya Methodist e abela batlhoki le bagodi
26 Mar 2015
E re ka gotwe go sego letsogo le le abang, ba kereke ya Methodist, mokgaolong ya Good Hope - Mabule ba ne ba bona go tshwanela go diragatsa se, mme ba abela batlhoki, bagodi le b aba tlhokileng lesego mo sechabeng mo motseng wa bone.
Fa a bua kwa moletlong wa kabo dimpho eo, Mma Boipelego wa motse oo, mme Kelebemang Seagateng o ne a akgola maloko a kereke eo, ka tiro e ntle e kereke e e dirileng.
Mme Seagateng a re fa e sale goromente a ikuela go supa a thoka thuso go thokomela bagodi le b aba thokileng lesego mo botshelo, dikereke le makalana a ikemetseng ka nosi a eme ka dinao go thusa puso go diragatsa se.
O ne a thalosa fa motse o a direlang mo go one o lebanagwe ke dikgwetho tse ditona ka jaana,bana ba bannye ba lathelwa mo mebileng, e bile go na le bagodi ba le mmalwa baba senang thokomelo. A re ka jalo go maleba gore makalana a tshwana dikereke a eme ka dinao go bona go thusa puso go fithelela maikaelelo a yone.
A re le fa ntswa tirisano mmogo ya thokomelo bathoki le bagodi e tswa kgakala, ka jaana bogologolo go ne go na le mafisa le majako, go lebega mowa o wa thusano o ntse o wela tlase.
Le fa go ntse jalo mme Seagateng a re le bone b aba fiwang dimpho tse, go bothokwa gore e nne thuto mo go bone gore le bone go na le sengwe se b aka se abelang sechaba se ba nnang le sone jaaka lorato kgotsa dikgakololo.
Fa a fa, maikaelelo a letsatsi leo, moruti wa Methodist mo motseng wa Tlhareseleele Frank Mothibi, o tlhalositse fa kereke e bone go tshwanela go tsaya maikarabelo go thusa bao ba
ba tlhokileng lesego mo sechabeng,bogolo jang bagodi b aba nnang bas a bone tlhokomelo.
Moruti Mothibi o ne a re, go bothokwa gore ba diragatse lefoko la Modimo le le ba gakololang go apesa bao b aba sa aparang, go jesa bao b aba tlhokang dijo e le tsela ya go supa gore kereke e a kgathala.
A re lefatshe le faraferwe ke dikgwetho, mme jalo go botlhokwa gore kereke e tseye maemo a yone go thusa go lwantsha dikgwetho tse.
“Re utwile mokgosi wa bagogi ba rona, go bona gore re tsibogela dikgwetho tsa botshelo tse re tshelang mo go tsone, mme kabo ya dimpho tse, kenngwe ya karabo ya selelo seo”, moruti Mothibi a tlhalosa.
O ne a tlhalosa fa kabo ya dij le diaparo tse, e ne e le tshimologo ya tiro e kgolo e ba ikaelelang go e dira, a supa fa mo tsamaong ya nako ba tla bo ba aba dilo tsa sennela ruri di tshwana leruo le matlo.O ne a tsaya nako go leboga madirelo a a ba thusitseng go diragatsa dikeletso tsa bone jaaka Batho Botlhe Milling, Botswana Agricultural Market Board, Mustaphas Centre le maloko a kereke a neng a ntsha mo dipateng tsa bone.
Kereke e ne ya tsaya sebaka gape go abela maloko a kereke a dirang ka bokgabane ditankana tsa go supa bopelo telele mo tirong ya Modimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Tlhareseleele
Event : Kabo dimpho
Date : 26 Mar 2015






