A dikgang tsa boswa di reediwe ka matsetseleko
26 Mar 2015
Kgosi Masego Olebile wa Palapye a re dikgang tsa go lwela dithoto tsa boswa di tshwanetse go reediwa le go tsewa ka matsetseleko go sa sokamisetswa dirope ntlheng epe ya bangomgoregi le basekisiwa.
Kgosi Olebile o ntshitse mafoko a mo tshekong emo go yone Mme Tuelo Bogosi, Rre Botlhale Bogosi le Rre Japhala Bogosi ba neng ba sekisetsa Mme Kebotlogetse Montshiwa go ba amoga boswa jwa ga Rre Bogosi Manale yo a neng a tlhokafala ka 2013 ele kgosi ya Radisele.
Kgosi Olebile o rile ere ntswa Mme Montshiwa ane a sa nyalwa kafa molaong, seo ga se reye gore a rontshiwe tshwanelo ya boswa jo a bo neetsweng ke moswi ka mokwalo pele ga a tlhokafala ka jaana lefoko la moswi le sa tlolwe kana le sa ganediwe.
Mo tshekong eo, bangongoregi ba boleletse lekgotla fa ba sa dumelane le mokwalo o magatwe a reng o kwadilwe ke Rre Bogosi Manale pele ga loso la gagwe go tlhomamisa fa ele ene a kwadileng mokwalo o letelelang mosekisiwa goja boswa jwa gagwe mo boemong jwa bana ba lelwapa.
Mokwalo oo, o neng wa bewa lekgotla pele ele bosupi go bolelwa fa mongwe wa batho ba ba o saenetseng go rurufatsa fa o kwadilwe ke Rre Manale ele Rre Mokeresete Ntebele yo ka nako eo e neng ele mothusa kgosi mo Radisele e bile ale ka fa tlase ga ga Rre Bogosi Manale yo a neng a mo saenela lokwalo la go abela Mme Montshiwa boswa jwa gagwe.
Dingwe tsa dithoto tse di neng disekwa di akaretsa madi, sediba le dikgomo tse batsadi ba ga Rre Manale gotsweng kwa kgotleng ya Mmabi kwa Serowe ba neng bale kgatlhanong le gore di neelwe mosekisiwa fela ka mabaka a gore gona le mokwalo o dirilweng ke moswi le mororo batho bao ese monna le mosadi e bile asa batiwa kafa tsamaisong ya mokgwa wa Setswana.
E rile kgosi Olebile a ntsha katholo a bolela fa dikgang tsa boswa di tshwanetse go reediwa le go rarabololwa go sa sekamisetswa dirope ntlheng epe ka jaana di ka baka dikgotlhang fagare ga bana ba lelwapa le ba masika.
A re ere ntswa bangongoregi ka boraro ele bana ba bana baga Rre Bogosi o retelelwa ke go ba neela boswa jo bo neetsweng mosekisiwa ka mokwalo ke monnga jone ebong moswi bogosi.
Kgosi o rile ere ka setswana sere mafoko a moswi ga tlolwe, ke sone se a bonang gole maleba go neela Mme Montshiwa dithoto tsa ga Rre Bogosi Manale di akaretsa sediba, dikgomo le madi a kwadilweng mo mokwalong o neng wa saenelwa ke kgosi Mokeresete Ntebele yo a neng a tsewa ele mosupi wa puso mo tshekong eo.
Lefa go lebega batho bangwe bane bale kgatlhanong le tshwetso yaga kgosi, bangwe ba supile fa tshwetso eo ele maleba ka jaana moswi le Mme Montshiwa ba sale ba simolola go tshela mmogo ka 1973 e bile ele ene a neng a mo tlhokomela go fitlhelela a tlhokafala. Mo tshekong eo bangongoregi bane ba fiwa malatsi ale masome a mararo go dira boikuelo fa bas a kgotsofalele kgatho eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Tsheko
Date : 26 Mar 2015






